Ba-na-le bogole ba supa maiteko
07 Oct 2018
Monana yo o tshelang le bogole mo Kanye, Rre Mpho Kumako yo o dingwaga tse di masome mabedi le borataro o tsweletse sentle mo kgwebong ya gagwe ya go hirisa ditante.
Mo potsolotsong le BOPA, Rre Kumako a re kgwebo e a e simolotseng ka 2013 e fetotse botshelo jwa gagwe.
O tlhalositse fa kgwebo eo, e a e simolodisitseng morago ga dingwaga di le mmalwa a sena go foufala ka 2005, e ne ya rotloediwa ke ba lekalana la bong.
Rre Kumako a re e ne ya re a sena go kokonelwa ke letlhoko la mmereko a bona go le botoka go isa kopo ya go rotloediwa ka madi go itlhamelo tiro kwa ofising ya ga Tautona ka thuso ya ofisi ya ba-na-le bogole ka 2012 mme a atlega ka 2013.
A re o ne a reka didirisiwa tsa kgwebo jaaka; tante, ditilo le ditafole ka lemme le a neng a thusitswe ka lone go simolodisa kgwebo.
O ne a tlhalosa fa a ne a godisa kgwebo ka go kopa dithendara mo makalaneng a a farologaneng a puso mme ya re morago a reka didirisiwa tse dingwe tsa kgwebo go e atolosa ka didirisiwa tse di neng di le teng di ne di sa lekana.
O tlhalositse fa e le mongwe wa bagwebi ba ba phadisanelang dithendara tsa puso le bagwebi ba bangwe, ka jalo seo se mo tiisa moko le go feta gore a bereke ka natla.
O ne a tlhalosa fa a kopana le dikgwetlho di tshwana le bogodu jwa didirisiwa tsa kgwebo ka bomme bangwe ba mo amogile ditilo di le masome mabedi.
O ne a tlhalosa fa kgwebo ya go hirisa ditante e le ntsi mo kgaolong, a tlatsa ka go re seo se ba gwetlha gore ba itome molomo wa tlase fa ba isa ditirelo kwa bareking.
Rre Kumako a re o inaakantse le dilo tse di farologaneng go bapatsa kgwebo jaaka Facebook ka a butse tsebe ya kgwebo e e bidiwang Kumakwa Investments.
O ne a tlatsa ka go re o tsamaya ntlo le ntlwana a bapatsa kgwebo ya gagwe mo maphateng a puso.
O ne a tlhalosa fa kgwebo e ya ditante e fetotse botshelo jwa gagwe ka jaanong o kgona go ituelela ntlo ya phiriso mme e bile gape o ituelela le tshireletso ya dithoto kgwedi le kgwedi.
O ne a kgothatsa banana gore ba seka ba iteba dinala mme ba inaakanye le mananeo a puso go itlhotlhora lehuma, a tlatsa ka go re go tshela ka bogole ga go thibele go itirela ka diatla.
Ka jalo a kgothatsa ba-na- le bogole go ema ka dinao ba itlhamele mebereko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Khumoyame Laetsang
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 07 Oct 2018



