Dikgwetlho e ka nna motshela-kgabo
04 Oct 2018
Mme Kesegofetse Malete go tswa a kwa Malete Attorneys a re baithuti ga ba a tshwanela go itewa tsebe ke dikgwetlho tse di akaretsang go nna kgakala le sekole ka di ka ama maduo a bone.
A re moithuti o tshwanetse go tshwara ka thata gore sekgoreletsi se a nang le sone seo a se fenye gore a kgone go fenya dithuto tsa gagwe.
O ne a fa sekai ka ene a re o simolotse sekole sa gagwe se sebotlana a tsena kwa motseng wa Seolwane a nna le mmaagwe kwa masimo mme a felela a fenya lekwalo la gagwe la bosupa.
A re masimo ao a ne a le kgakala mme ka a ne a ikiteile sehuba, o ne a kgona go fenya dithuto tsa gagwe.
O ne a bua jalo bosheng kwa Seolwane kwa sekole se sebotlana sa Seolwane se neng se ipelela phenyo ya maduo a lekwalo la bosupa a ngwaga e e fetileng a 92.1 per cent.
Mme Malete o ne a gwetlha baithuti ba sekole seo go simolola kwa sekoleng se sebotlana go tlhwaafalela dithuto tsa bone gore ba seka ba siiwa ke nako mme ba fitlhelele ditoro tsa bone.
A re go a tshwenya go bona baithuti fa ba le kwa dikoleng tse di potlana ba itshwara sentle mme ere ba tswelela le dithuto tse di latelang ba bo ba tswa mo tseleng.
O ne a phophotha barutabana ba sekole seo magetla a bolela fa maduo a sekole a supa fa ba beile baithuti mo dipelong tsa bone mme ba tswelele ka go ntsha maduo a a kgatlhisang.
Ka jalo, Mme Malete o ne a solofetsa sekole seo gore o tla a se thusa ka didirisiwa tsa sekole tse di tlhokafalang jaaka dibuka le dingwe tse ba ka supang fa ba di tlhoka.
Mogokgo wa sekole sa Seolwane, Rre Gilbert George, o ne a rotloetsa baithuti ba sekole sa gagwe go nna le ditoro ka botshelo jwa bone. A re ditoro tse di molemo tsa baithuti di ka bonwa fela fa ba ka tlhagafalela dithuto.
Rre George o ne a kopa batsadi go rotloetsa baithuti go nna le nako ya go bala fa ba tswa sekoleng ka se se ka dira pharologanyo mo dithutong tsa bone.
A re le ntswa sekole sa gagwe se na le dikgwetlho, bodiredi jwa sekole seo bo dira ka natla go ntsha maduo a a eletswang ke setshaba. A re dikago tsa sekole sa gagwe di a tlhaela ka jalo go tlhokafala gore ba agelwe ofisi le matlo a borutelo.
O tlhalositse fa e rile ka ngwaga wa 2013 sekole seo sa dira matshwao a 77 per cent, ka ngwaga wa 2014 sa dira maduo a 73.2 per cent mme ka 2015 sa ntsha maduo a 80 per cent.
A re ka 2016 ba ne ba ntsha maduo a 84.1 fa e rile ka 2017 ba ntsha maduo a 92.1 per cent.
O ne a ntsha matshwenyego a gore kwa dikoleng tse di kwa tlase bana ba dira sentle mme fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane ba bo ba sa dire sentle.
Ka jalo o ne a rotloetsa baithuti bao ba ba setseng ba le mo lekwalong la ntlha kwa sekoleng se segolwane go tlhwaafalela dithuto tsa bone gore ba dire sentle kwa lekwalong la boraro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Seolwane
Event : Potsoloso
Date : 04 Oct 2018



