Breaking News

Monna a tlhokafala mo kotsing ya tsela

04 Oct 2018

Mapodisi a Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe a tlhokafetseng morago ga gore koloi e a neng a tsamaya ka yone e thulane le kolotsana ya ditonki gaufi le Makopong bosheng.

Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia, a re monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a marataro go ya kwa go tse masome a supa o ne a kgweetsa koloi ya modiro wa Dyna mme o ne a tswa Tsabong a ya Kanye.

 O tlhalositse go re koloi e ne e pegile batho ba le bane ka palo go balelwa le mokgweetsi.

A re taselebomo ya kolotsana ya ditonki e ne  ya tsena mo koloing eo mme ya gobatsa monna yoo mo tlhogong.

A re ba bongaka kwa kokelong ya Tsabong ba ne ba tlhomamisa fa rre yoo a setse a tlhokafetse.

Superintendent Ramatsia a re serepa se mo setsidifatsing kwa kokelong ya Princess Marina go tlhatlhojwa ke dingaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse.

A re moswi o tlholega kwa kgotleng ya Mahikana kwa Kanye mme ba masika ba setse ba itsisitswe.

Mookamela mapodisi a Werda a re go belaesega fa kolotsana ya ditonki e ne e kgweediwa ke bana ba ba neng ba inaya naga morago ga kotsi ee neng gape ya bolaya tonki e le nngwe.

Superintendent Ramatsia o ne a  gakolola bakgweetsi go ela tlhoko dikolotsana tsa mofuta o ka nako tsotlhe bogolo jang kwa metseng ya Makopong, Werda le Kokotsha ka go lemogilwe fa  banni ba metse eo ba di dirisa go ya merakeng.. BOKHUTLO

Source : bopa

Author : Cathrine Simane

Location : Werda

Event : crime

Date : 04 Oct 2018