Kgang ya bogosi e tsosa tlhatlharuane kwa Mmashoro
04 Oct 2018
Banni ba Mmashoro kwa kgaolong ya Legare ba kopilwe go tshwaraganela go rarabolola dipharologanyo ka bogosi jwa bone.
Moemela kgosi kwa Gammangwato, Kgosi Dikgakgamatso Kebailele, o gakolotse jalo a sena go amogela dingongorego tsa ba ba kgatlhanong le go tlhongwa ga ga Rre Kemmonye Modisagape go nna mothusa kgosi.
O supile fa mokwalo wa khiro ya mothusa kgosi ya Mmashoro, o tswa kwa go tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae.
A re Rre Modisagape ke ene a beilweng, a tlatsa ka gore thulaganyo eo e diragaditswe ka fa molaong oo tsamaisang bogosi.
Phatlha ya mothusa kgosi e ne ya nna morago ga go tlhatlosiwa maemo ga ga Rre Opelo Disang yo o neng a tsaa setilo sa bogosi, mo go Kgosi Mompati Wabobedi yo o neng a tlogela ka bogodi.
Kgosi Kebabeile o tlhalositse fa kgang ya go thiba phatlha ya mothusa kgosi ya Mmashoro e sa bolo go reriwa mme go sena tharabololo ee lolameng, kantlha ya tlhoka kutlwano mo banning ba motse oo
A re seemo se, se tlaa dira gore Mmashoro a salele morago mo thulaganyong ya ditlhabololo, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore phatlha eo e thibiwe.
“Le batho ba le bangwe fela ba Mmashoro. Le itse letsalo la lona. Bana ba motho ba atle balwe mme morago ba dumalane. Fa le sa dumalane puso e ka bona gore e ka tsaa tsela efe,” a tlhalosa.
O ile a supa gape gore kgosi a le nosi ga a kake a kgona motse wa Mmashoro, a tlatsa ka gore, o tlhoka mothusi go mo thusa le go mo gakolola.
“Ga go a tshwanela gore setshaba se sokole ka ntlha ya go tlhoka kutlwano. Tsamaiso ke gore setshaba se thusiwe go sa kgathalesege gore dipharologanyo tsa rona ke eng,” a tlhalosa jalo.
O ne a gakolola ba ba nang le ngongorego mabapi le peo ya ga Rre Modisagape, gore ba gololesegile go ka tsaa dikgato tse di lebaneng.
Mongwe wa banni, Rre Tshenolo Bogosi o supile fa ba Mmashoro ba le kgatlhanong le peo ya ga Rre Modisagape.
“Re na le tumalano ee faphegileng rele batho ba Mmashoro ya gore re batla Rre Bontshwanetse Kgosiesele. Re kopa gore go name go emisitswe peo ya ga Rre Modisagape, ka e bile re tswa kgakala re le kgatlhanong le peo ya gagwe. Le mekwalo e a supa,” ga bua Rre Bogosi.
Rre Bogosi a re ba dumela fa Botswana e le lefatshe la puso ya batho ka batho, ka jalo a supa fa a na le tsholofelo ya gore go tlaa buisanngwa go bo go dumelwanwa sentle gore ditshwetso di tsewe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : Serowe
Event : Kopano ko kgotleng
Date : 04 Oct 2018



