Breaking News

VDC e kopilwe go rotoetsa batho go ikwadisetsa ditlhopho

03 Oct 2018

Mookamedi wa dioffisi tsa ditlhopho wa kgaolwana ya botlhophi e e bopilweng ka metse ya  Mahalapye, Sefhare, Bobirwa le Palapye (MASEBOPA) Rre Molatlhegi Baloi o kopile maloko a komiti e e tsamaisang ditlhopho mo kgaolong-potlana ya Palapye le ya Lerala/Maunatlala go ya go ikwadisetsa ditlhopho gaufi le magae a bone.

O ba kopile jalo mo thuto-puisanyong e ba neng ba e tshwere kwa Palapye.

A re fa e sale ikwadiso e simolodisiwa Lwetse a  tlhola ga raro dipalo tsa batho ba ba ikwadisang ga di nametse ka batho ba santse ba le maoto a tshupa.

A re ke bone ba ba ka rotlowetsang bakaulengwe ka bone go ikwadisa  le go gasa molaetsa ka mashetla gore batho ba ye go ikwadisa ka jaana e le bone ba ba tlhophilweng go tsaya boikarabelo  kwa diphathing tsa bone.  

A re go tlaa dirisiwa tsamaiso e kgologolo  go tlhopha mo ditlhophong tsa ngwaga o o tlang.

A re le fa go setse go tlhomamisitswe molao o mosha  ga o ise o tsengwe mo tirisong.

A re go fokoditswe madi a a ntshiwang ke bontlhopheng.

A re ntlhophang wa bopalamente o duela P500 go tswa mo go P5 000 fa bokhanselara jone go duelwa P100 go tswa mogo P1 000.

O kopile gore bontlhopheng ba emise go tsaya boOmang ba batlhophi ka maikaelelo a gore ba tle ba ye go ba ba fa ka letsatsi la ditlhopho gore ba tle ba ba tlhophe ka ke molato go tsaya Omang wa motho.

O mongwe molato ke wa go tshwaya dinepe mo ditlhophong.

A re  lephata le tsweletse ka go tokafatsa seemo sa go gasa molaetsa wa gore batho botlhe ba ye go ikwadisetsa ditlhopho  ka go gasa molaetsa mo seromamoweng, dipampiri tse di balwang le ka maranyane a segompieno tota.

Mogolwane mo ofising ya ditlhopho mo Palapye, Mme Gaoboloke Ditebo a re mafelo mangwe a supile fa ikwadiso e le boutsana mme ba kopa kemo nokeng ya diphati tsotlhe go rotoetsa batho go ya go ikwadisetsa ditlhopho gore monongwaga go seka ga nna le ikwadiso ya poeleo ka gore ikwadiso ya gompieno e filwe nako entsi go feta dinako tsotlhe.

A re lekgotla le tsweletse le go tlhokomela mafelo a ikwadiso ka go nna ba batla batho ba ba a phepafatsang.

A re mafelo a komiti e neng e ngongorega gore a iphitlhile ba dirile matshwao a a kaelang batho gore a fa kae.

A re ba leka thata go rotloetsa batho gore ba ikwadise gaufi le fa ba nnang teng gore ba seka ba itsapa go ya go tlhopha ka letsatsi la ditlhopho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Oct 2018