Breaking News

Go thokomologa leruo go ka rotoetsa bogodu

03 Oct 2018

Kgosi Adam Makobo wa Makobo mo kgaolong ya Legare a re go tlhoka go thokomela leruo go ka rotloetsa gore le utswiwe.

E rile a bua le BOPA bosheng,  Kgosi Makobo a supa fa Setswana se se reng, ‘ka e thoka ka thoka boroko ka e rua ka nna ka bo thoka’ se supa fa kgomo e thoka thokomelo e e tseneletseng, mme e bile go  rua go thokana le maikemisetso, lorato le bopelotelele.

Kgosi Makobo o ne a kgala barui ba ba nnang kwa magaeng kgotsa kwa ditoropong ba seke ba ya go tlhola leruo.

A re barui ba mofuta oo ba beile sengwe le sengwe mo badiseng, a kaya fa e bile le leruo ba sa le itse sentle mme go tlhoka go itse leruo ga barui go ka ketefaletse ba sepodisi go ba batlisa fa leruo le utswilwe.

A re seo se ka rotoetsa le gore badisa ba nne le seabe mo go utswiweng leruo, go akarediwa go le rekisa kgotsa go le ja nama.

A re bangwe ba badisa ba kgona go thokomologa leruo ba itlholela nageng.

O supile fa bangwe barui ba sa duele badisa sentle le go ba rekela dijo jaaka ba dumelane mme badisa bao ba felele ba ituela ka go rekisa leruo kgotsa go le tlhaba ba aja le go rekisa nama ya lone.

Kgosi o supile fa mo malatsing a gompieno barui ba sa dise leruo fa e se go le bolotsa fela ba le alolela kwa sekgweng, kwa le ka utswiwang motlhofo teng.

O gateletse fa batho bangwe ba nna kwa magaeng mme leruo le nna le le nosi kwa merakeng, a thalosa fa ba phakela ba ya go bolotsa phakela le go tlhatlhela maitseboa, mme seo se ka segela magodu a leruo ka fa lefureng.

A re Batswana ba tshwanetse go supa mowa wa lorato le tirisano mmogo ka go bopa makgotlana jaaka la ntebela ke go lebele.

Kgosi o gateletse fa ba sepodisi ba leka go lwantsha bogodu jwa leruo mme ba ka seke ba kgone ba le nosi go sena seabe sa morafe.

A re barui ba tshwanetse go tsenya leruo malengana, go le tshwaya le go le tshuba ka tshipi gore go nne mothofo go le bona fa le timetse. A re e bile se se ka fokotsa bogodu jwa leruo.

O gateletse fa batho ba ba rekang leruo kgotsa dinama ka bokukuntshwane le bone ba rotoetsa bogodu jwa leruo, a kaya fa leruo le dinama di tshwanetse go rekisiwa ka tsamaiso ya semolao.

E rile a itebaganya le kgaolo ya gagwe ya Makobo, Kgosi Makobo a kgala dingwe dibuchara tse a reng di rotoetsa bogodu jwa leruo ka go reka leruo ba sa sala tsamaiso ya semolao morago, mme e bile bangwe ba dira se ba itse fela sentle fa leruo leo le utswilwe.

 A re seemo sa bogodu jwa leruo mo kgaolong ya gagwe bo gakatswa gape ke gore tsela ya Francistown-Orapa e feta fa thoko ga motse wa gagwe, ka jalo leruo le le utswilweng kgotsa dinama di tsamaisiwa go diriswa tsela eo.

 Kgosi o thalositse fa palo ya mapodise ba ba direlang mo Makobo e sa lekana mme a re o aga a gakolola morafe wa gagwe mo diphuthegong tsa kgotla go thusana le mapodise mo go lekeng go lwantsha bogodu jwa leruo. 

A re mangwe magodu a leruo ke bana ba mo Makobo mme morafe o a ba itse, mme ba itlhophetse go bipa mpa ka mabele, a kaya fa kgang ya gore ‘nna ga di nkame’ e ka dira gore magodu a leruo a seka a tshwarwa, mme a konetelela ka go kopa setšhaba go bega sepe fela se ba belaelang se amana le bogodu jwa leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : MAKOBO

Event : Potsolotso

Date : 03 Oct 2018