Breaking News

Goya o leboga bobegadikgang

03 Oct 2018

Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Moiseraele Goya o lebogetse bobegadikgang jwa lefatshe leno go bo ba nnile le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno ka go nonotsha puso ya batho ka batho.

Rre Goya yo o neng a buisa banni ba Palapye ka letsatsi la boipuso, a re mhama wa bobegadikgang o tshwanelwa ke go lebogwa mo go thuseng go aga lefatshe leno.

A re dikgakololo tsa bobegadikgang di thusitse go nonotsha puso ya batho ka batho le go gakolola puso fa dilo di sa dirwe sentle.

A re lefatshe leno le tshwanetse go ipelela boipuso e le go gakologelwa tse di dirilweng ke boeteledipele jwa pele, a re se se ka thusa baeteledipele ba gompieno gore le bone ba tsweledise ka go tshegetsa kagiso le thokgamo gore dikokomane tse di tlang le tsone di akole ledula le.

A re lefatshe leno le tsere boipuso go sena tshololo ya madi, le go tshwara ditlhopho tse dintsi go ntse go sena tshololo ya madi kana go gatakwa ga ditshwanelo tsa setho.

“Boipuso jwa rona ke jwa kagiso ga se jwa tshololo ya madi. Bo re beile mo mmepeng, bo re tlotlomaditse, bo re isitse mankalenkaleng.”

O kaile fa lefatshe leno le kgonne go kgaoganya meamuso ya lone ka tekatekano gore Motswana mongwe le mongwe a akole ditlhabololo.

O ne a kopa gore kgotla e tlotlwe, ka e se lefelo la sepolotiki mme e le kwa botlhe ba kopanelang teng go ntsha megopolo ka tsa tlhabololo ya metse ya bone, a tlatsa ka go re ‘mmualebe o bua la gagwe’.

A re banana ga ba a tshwanela go salela kwa morago mo go tsenyeng letsogo go tlhabolola lefatshe la bone.

A re bana le bone ba tshwanetse go reetsa le go tlotla batsadi ba bone, a re bana ke bone baeteledipele ba kamoso, a tlhalosa fa banana ba ka nna baeteledipele ba motia fa ba ka nna le maikarabelo ba sa le babotlana.

Fa a tswa la gagwe, sebui sa tlotla Rre Mahomed Siraj yo e leng mogwebi mo Palapye le ene o roletse Batswana hutshe mme a ba rotloetsa go ema puso nokeng go tlhabolola lefatshe leno.

A re nako ya boipuso ke nako ya go itsaya motlhala go kanoka tse di dirilweng ke bagaka ba maloba gore lefatshe leno le kgone go tsaya boipuso mo go la ga Mmamosadinyana.

A re dikgosi tse tharo tse di neng di ile kwa ga Mmamosadinyana di tshwanelwa ke go lebogwa ga mmogo le botautona ba pele go bo ba eteletse fatshe jeno pele ntle le tshololo ya madi.

A re nako e tsile ya gore Motswana mongwe le mongwe a itebe gore ene o direlang lefatshe la gagwe.

Kgosi wa Palapye Kgosi Masego Olebile a re o swabisitswe ke dipalo tse di kwa tlase tsa batho ba ba neng ba tsile kgotleng, a bolela fa tumalano e e dirilwebg le morafe e le gore mongwe le mongwe a tle mo kgotleng mme morago ba ye kwa dikgotlaneng tsa bone kwa ba tlaa jang dijo tsa boipuso teng.

A re dikereke le tsone ga di a tla ka dipalo tse a neng a di solofetswe, a tlatsa ka go re dikereke tsotlhe tsa Palapye di ne di tshwanetse go tla go kgobokana kwa kgotleng go tla go reetsa molaetsa wa ga Tautona.

O ne a lebogela ba ba neng ba seka ba ipona tsapa go tla go reetsa molaetsa wa ga Tautona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : letsatsi la boipuso

Date : 03 Oct 2018