Breaking News

Tshaba ya Botswana e tshwana le ya Israel - Moruti Sejakgomo

03 Oct 2018

Moruti William Sejakgomo wa kereke ya UCCSA kwa Molepolole o tlhalositse fa tshaba ya Botswana e tlhophilwe ke Modimo go lere kagiso mo go yone fela jaaka a ne a tlhopha tshaba ya Israel go e sireletsa.

O buile se jaaka morafe wa Mokwena o ne o ipelela letsatsi la boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi lefatshe la Botswana le ntse le ipusa gammogo le go tswalela kgwedi ya merapelo ka letsatsi la Tshipi.

Moruti Sejakgomo o kaile fa Modimo a tlhophile tshaba ya Botswana go supa lorato mo go yone ga mmogo le nonofo le mautlwelobotlhoko a gagwe ka go e sireletsa jaaka a ne a sireletsa tshaba ya Israel ka go  e golola kwa  Egepeto.

A re ditshaba ka bontsi di bona tshaba ya Botswana e le pharologanyo magareng ga ditshaba tse dingwe mme ka jalo a supa fa go le botlhokwa gore e re Batswana ba ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi ba ntse ba ipusa ba bo ba leboga modimo ka tsotlhe tse a ba di diretseng.

O tladitse ka go re go botlhokwa gore batho ba dirise malatsi a tshwana le la boipuso go tswelela ba kgothatsana go rapela  Modimo e le tsela ya go ntshafatsa kgolagano le tumalano ya bone le modimo e leng ya kagiso le thitibalo mo lefatsheng, a re mo modimong boipuso bo supa gore re ikaegile ka ene go re isa pela.

Moruti Sejakgomo o tlhalositse fa Modimo o bolokile tshaba ya Botswana, a e neela botlhale mme e le ka moo lefasthe leno le ipusang mo nakong eno.

 A re botlhe ba ba tlhomang matlho mo Modimong, nonofo ya bone e tlaa ntshafadiwa, a tlatsa ka gore bo tautona ba pele ba ne ba busa ka botlhale le thata ya Modimo.

E re ka jaana boipuso jwa mono ngwaga bo ne bo ketekwa ka Tshipi, Kgosi Kgari III wa Bakwena o ne a tlhalosa fa go itumedisa gore dikereke ka go farologana di bo di phuthaganetse mo kgotleng go ipelela letsatsi leo e le bakeresete.

A re o solofela gore padi le thero ka lefoko di tla tsena mo dipelong tsa morafe, mme seo se ba thuse go itharabologelwa gammogo le go itlhophela go sala modimo morago.

Kgosi Kgari III a re letsatsi la boipuso le neela setshaba sebaka sa go itshekatsheka mo go tse ba di kgonneng gammogo le go bona tse ba ka di dirang mo isagong go tlhabolola lefatshe.

Fa aq tswa la gagwe, mopalamente wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli o ne a kaya fa boipuso e le letsatsi la go gakologelwa bontle jo Modimo a bo diretseng setshaba sa Botswana.

O kaile fa boipuso e le nako e setshaba se ipaakanyang ka yone ka go bona tse ba di kgonneng mo ngwageng tse di masome a matlhano le bobedi tse di fetileng le go ya pele.

Mopalamente Mmatli o kgothaditse Bakwena gore tsotlhe tse ba di dirang, ba di dire ba beile tshepo ya bone mo Modimong gore ba gatele pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepang Segola

Location : MOLEPOLOLE

Event : letsatsi la boipuso

Date : 03 Oct 2018