Mmutlane o ipelela boipuso le Kedikilwe
30 Sep 2018
Banni ba Mmutlane kwa kgaolong ya Legare ba gakolotswe go lemoga seabe sa bone mo go nonotsheng setshaba sa Botswana ka go dira ditiro tse di ka thusang go tlhabolola matshelo.
Mafoko a a builwe ke mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe, gompieno
Dr Kedikilwe a re Batswana ba tshwanetse go supa ka ditiro botlhokwa jwa go ipusa. "Re le morafe wa Mmutlane re tshwanetse ra tlhaloganya mabaka a go tsaya boipuso," ga tlhalosa Dr Kedikilwe.
O supile gore go tsaya boipuso go file Batswana boikarabelo jwa go ipelela tsamaiso, go dira le go tlotla molao, go sireletsa mekgwa e agang setshaba jaaka botho, go tlotlana, go godisa bana ka lorato le poifo Modimo.
O tsweletse a supa gore sengwe sa maduo a go ipusa ke go nna le kgololesego ya go itlhophela puso.
"O tshwanetse wa ipotsa gore seabe sa gago o le mo motseng wa Mmutlane ke eng, mo go tsamaiseng mananeo a go ipusa," ga tlhalosa Dr Kedikilwe.
Dr Kedikilwe a re le fa puso e ntshitse mananeo ka maikaelelo a go tokafatsa matshelo a Batswana le go nyeletsa lehuma, morafe o tshwanetse wa ipopa le go tswa ka mananeo a mangwe jaaka go simolodisa dikoporase tsa baji bareki.
“Sengwe se le tshwanetseng go se tlhwaafalela ke go oketsa metswedi ya go dira madi re le morafe mo motseng wa Mmutlane, re ipotsa gore reka dira jang go sola molemo ditsamaiso tsa dikoporase mme re di tsamaisa ka tsela e di ka ntshang maduo.”
Dr Kedikilwe a re le fa morafe o ka reka diabe mo dikoporaseng mme di tsamaisiwa ka tshokamo ga gona go ba tswela mosola ka gore ga ba kake ba bona dipoelo le tsone di tla phuthama.
O ne a akgolela banni ba Mmutlane go dira ka thata go tlhabolola motse wa bone. “E rile fa ke goroga ke ne ke ipotsa gore batho ba ke itseng ba nna mo motseng wa Mmutlane ba fudugile ke bona go ntse toropo ke dikago tsa sesha, mme ka lemoga gore Batalaote ba tsweletse ka go itlhabolola. Go a itumedisa, go tlhatswa pelo go bona le tlhabolotse motse wa lona".
Mo mafokong a gagwe a go amogela baeng le morafe mo kgotleng, Kgosi Loomatsoga Gaogane, o ne a bolela fa sengwe sa dilo tse a di lebogang ka boipuso e le gore boeteledipele jwa lefatshe bo amogana puso go sena mekgwere ape. Ka jalo a gateletse botlhokwa jwa gore morafe o tlotle letsatsi la Boipuso le go le tshegetsa ka meletlo e supang boitumelo.
O tsweletse a gakolola morafe go ikwadisetsa ditlhopho. Kgosi Gaogane a re o tshwenngwa ke gore mo nakong eno batho ba ikwadisa ka go rotha.
Kgosi Gaogane a re motse wa Mmutlane ke wa morafe wa Batalaote mme ba ipelafatsa thata ka se ba leng sone. “Ke Mahumatsebe a ga Mma Lekhutlile, ba ja kgomo mme pelo ba e latlhe, ba khudu ya ga Serokana.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Mmutlane
Event : Ipelelo boipuso
Date : 30 Sep 2018



