Mabutswapele a gopola boipuso jwa maloba
30 Sep 2018
Malatsinyana pele ga boipuso, lekalana la BOPA le ne la tsena kwa Mosweu go buisanya le mabutswapele bangwe ka sekao sa letsatsi la boipuso le maitemogelo a bone ka letsatsi le.
Mongwe wa bone ke Rre David Noge yo o tshotshweng ka ngwaga wa 1945 yo o neng a bolela fa boipuso jwa maloba bo ne bo tlotliwa. A re Batswana ba ne ba lemoga boleng jwa letsatsi le.
Rre Noge o boletse fa batho bogolo jang ba ba direlang go sele ba ne ba dumela mo go reng ba ketekele boipuso kwa magaeng a bone.
O ne a gopola gore malatsi a boipuso a ne a ya bokhutlong go ntse go tsweletswe go tshwerwe merapelo kwa kgotleng tsamaiso e a reng ga e sa tlhole e salwa morago mo malatsing a gompieno.
Rre Noge o kaile fa jaanong boipuso bo sa tshwane le pele ka bana ba bo jela koo go sena tlotlo ya batsadi a supa fa ele gone mo go sentseng boipuso ka are bo tsentswe mo ditlhabologong tsa jaanong.
O boletse fa borara jo bo neng bo le teng fa taolo e tswa kwa pusong e bua ka boipuso bone bo e tshwara ka mashetla bo sa e tseye lolea fa a tshwantshanya le jaanong.
Rre Keeteletswe Bosupeng yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1947 o boletse fa boipuso jwa dingwaga tsa bo 1970 bo ne bo nonofile mo ngwaong, ele ipelo ya boipuso le ngwao ya Setswana selo se areng o se bona se nyelela ka iketlo.
Rre Bosupeng a re ipelelo boipuso e sentswe ke ditlhabololo ka a re bontsi jwa basha ba iponatsa ka boutsana kwa dikgotleng go tla go ipelela letsatsi le mme bangwe ba sokametse thata mo metshamekong ya bolo ya kgwele ya dinao.
O boletse fa bagologolo ba ne ba diragatsa kwa kgotleng, mmino le meopelo ya Setswana e diragadiwa kwa kgotleng ba bo ba tlhola le tsatsi lotlhe koo go ipelwa go le monate golo mo areng gone go supa bopagano le tomagano ya morafe wa bone ele ba GooMosweu.
Mme Maikano Banogi wa 1946, le ene a gopola nako tsa gone go tshubiwa sephikwe kwa godimo ga lentswe bosigo gare jwa di 29 ele go supa fa letsatsi la boipuso le gorogile.
A tlhalosa fa gone go tswa mophato wa borre mo motseng ba ya go rema matlhako a a yang go tshubiwa gone kwa lentsweng go dira sephikwe, are gone go tsewa sekgopa se tshubiwa mo molelong borre ba dira okare molelo ba lala ba itisitse kwa kgotleng mme a supa fa se se sa tlhole se diragala ka are mowa wa boithaopo le tirisanyommogo ga osa tlhole ole teng.
O boletse fa dikereke ka go farologana dine di phuthaganela mo kgotleng gotla go rapela mme ere motshegare bantse ba phuthaganetse kwa kgotleng go apewe dijo tsa morafe ba tlhole koo le bana ba bone.
Mme Banogi one a bolela fa bogologolo ipelo ya boipuso e ne ele masheta ka are go ne go ntshiwa sejana se tsamaya lelwapa lengwe le lengwe mo motseng ba phutha mabele go tla go dira bojalwa jwa Setswana jo areng bo ne bo nowa gone kwa kgotleng a gatelela fa gone go na le tirisanyo mmogo.
O boletse fa bomme ba ne ba tshameka diketo, morabaraba le koi go natifisa letsatsi fa bo rre bone ba ne ba itaya nnayi ele dingwe tsa ngwao gore pula ete ene. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Juliah Kotlhao
Location : Mosweu
Event : Potsolotso
Date : 30 Sep 2018



