Breaking News

VDC e supa bopelotlhomogi

27 Sep 2018

Komiti ya ditlhabololo ya motse wa Botlhapatlou mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng e inaakantse le go dira tiro ya bopelotlhomogi ya go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. 

Fa a bua mo potsolong, modulasetilo wa komiti eo Rre Olekile Ramogotlho a re maloko a komiti a sa tswa go tswa ka moono wa go dira ditiro tsa bopelotlhomogi mo motseng. 

A re ba ne ba dumalana go koleka madi a selekanyo sa P30 kgwedi le kgwedi mme e re morago ba bone gore ba ka a dirisa eng go fetola matshelo mo malwapeng a fe. 

O tlhalositse gore morago ga go lemoga fa go na le motlhoki mongwe yo o senang ntlwana, ba ne ba dumalana gore ba mo agele ntlwana eo ka e bile ele mogodi gape a nna a le nosi. 

A re mme yoo, o setse a agetswe ntlo ya bonno ke khansele mme madi a tlhaela go mo agela ntlwana ya boitiketso, ka jalo ba bona go le maleba go tswa khansele thuso.  Rre Ramogotlho a re mo nakong ya gompieno ba setse ba kgonne go kgobokanya disamente tse ba tlaa di dirisang mo tirong eo mme e bile ba santse ba tshwaragane le tiro ya go kgobokanya madi go reka dilwana tse dingwe tse di tlaa dirisiwang mo tirong e. 

A re boeteledipele jwa motse wa bone bo setse bo nnile le seabe sa go ba thusa ka go ba abela motlhaba. 

O tlhalositse gore motlhaba oo, ke o o gapilweng mo bathong ba ba neng ba o epa e se ka fa molaong, mme o sa bolo go nna kwa kgotleng o sa dirisiwe. 

Ka jalo ba bona go le botoka gore ba o sole molemo ka go o dirisa go aga ntlwana. 

Rre Ramogotlho a re gape go na le banni bangwe ba motse ba ba setseng ba ithaopile gore ba tlaa nna le seabe mo tirong e ka go reka didirisiwa dingwe ga mmogo le ba ba ithaopileng go tsenya letsogo ka go aga ntlwana eo kwa ntle ga dikatso. 

O ne a kopa botlhe ba ba nang le kgatlhego ya go thusa mo tirong eo go ba thusa ka fa ba kgonang ka teng gore tiro eo e tle e wele ka bonako. 

A re keletso ke gore e re ba fetsa go aga ntlwana, ba mo tsenyetse pompo ka a santse a kopa metsi mo baagisanying. 

E rile a ama dikgang tse dingwe, o tlhalositse fa motse wa bone o tlhaelelwa ke bodiredi bo tshwana le mmaboipelego, ka jalo ba sokola go bona ditirelo tsa boipelego. 

A re ba tlamega go latela ditirelo tsa boipelego kwa Letlhakeng mme seo se a ba turela ka e bile ba tsamaya sekgala se seleele mo tseleng e e sa siamang. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : BOTLHAPATLOU

Event : Posolotso

Date : 27 Sep 2018