Dipaakanyo tsa boipuso di tsweletse sentle
27 Sep 2018
E re ka go setse malatsi fela a e seng a sepe gore Botswana a ipelele dingwaga tse di masome matlhano le bobedi a ntse a ipusa, Bangwaketse ba tsweletse sentle ka go baakanyetsa letsatsi la boipuso Lwetse a le masome mararo.
Se, se builwe ke mothusa molaodi wa Kanye Administrative Authority, Mme Keamogetse Segokgo mo Potsolosong bosheng.
“Re tsweletse, re ya kgonnye, ka tota re batla boipuso jole jwa maloba, go apewa kwa isong,” ga tlatsa mme Segokgo.
Mmed Segokgo a re puso e ba file P5 900 go ithusa go akola boipuso, a tlatsa ka go re ba rulagantse mmabontle gore madi a teng a tlatse mo go se ba se filweng.
A re mmabontle o tlaa bo a tshwaretswe kwa ntlong lohalahala ya Dilolwe gompieno, nako e le ya bosupa mo maitseboeng.
Bagolo ba tlaa bo ba tsena ka P10 fa bana bone ba tsena ka P5.
Mme Segokgo a re le fa go ntse jalo go na le ba ba ithaopileng go thusa ka sepe fela se ba nang le sone, a bolela gore ofisi ya banana e ithaopile go ba thusa ka dijonyana tsa mo mosong ka ba itse gore puso mo nakong eno ga e a ba fa madi a sepe fa ba tshwantshanya le 2016.
Rre Tshepo Masire yo e leng molemi morui ene o ithaopile go thusa ka kgomo, fa ba lekalana la National Food Technology Research Centre (NAFTRC) bone ba ntsheditse mabotlolo a metsi a le makgolo a mabedi, ba Grace Everlasting Industries bone ba ntshitse mabotlolo a metsi a le masome a mabedi le bone.
Mme Segokgo o tlhalositse gore moletlo o tshwaretswe kwa kgotla kgolo ya ga Ngwaketse kwa Ntsweng go simolola ka nako ya borobabongwe mo mosong go fitlhelela ka nako ya bongwe.
Molaetsa wa letsatsi o tlaa bo o tla ka mogokaganyi wa lephata la temo-thuo mo kgaolong ya Borwa Mme Monia Mfolwe.
A re morago ga go itseela mofago wa molaetsa, morafe o tlaa tsamaela kwa makgotlaneng a bone go ya go tshwara logaba.
A re kwa kgotleng kgolo gone ba tlaa bo ba ganeletse mo dijong tsa Setswana.
Mme Segokgo o tlhalositse gore badiragatsi ka go farologana ba tlaa natefisa letsatsi ka mmino o akaretsa wa Setswana, polka, le wa dinnoto.
Segokgo o supille gore setlhopha sa Botsogo Pele, se se bopilweng ka bagolo ba dingwaga tse di masome marataro go ya kwa godimo go tswa DML Wellness Centre le bone ba tlaa bo ba le teng go tla go supa ka tsa itshidilo mmele.
A re ditlhopha tse ke bana ba Kanye mme e bile ba tlaa bo ba diragatsa ka boithaopo fela.
A re boipuso jo, bo tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Tshaba e e Bopaganeng e bile e Itumela”. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mphoyaone Mothibi
Location : KANYE
Event : Posolotso
Date : 27 Sep 2018



