Dipalo tsa letshololo di golela pele kwa Tlokweng
27 Sep 2018
Tlokweng o kwadisitse makgolo a mabedi, masome a mabedi le bosupa, ya batho ba ba amilweng ke letshololo mo bekeng tse pedi tse di fetileng.
Seo se boletswe ke mooki wa botsogo jwa morafe go tswa kwa lephateng la DHMT, le le okametseng Tlokweng Mme Dimpho Keabonye.
E rile a bua kwa phuthegong e e neng e biditswe ke ba lephata la botsogo go tla go lekodisa banni ka seemo sa letshololo mo Tlokweng, Mme Keabonye a tlhalosa fa ba itemogetse bothata jwa letshololo ka fa baneng mme go supa fa le simolotse go ama le bagolo.
Mme Keabonye a re go supagetse fa mo bekeng e e fetileng go nnile le dikgang tsa letshololo di le masome a matlhano le borataro, mme e e neng e latela ga gatisiwa dikgang tsa letshololo di le lekgolo, masome a supa le bongwe.
A re mo palong ya lekgolo, masome a supa le bongwe, batho ba le masome a mane mo teng ke bana ba ba fitlhetsweng ka letshololo e bile ba latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.
O ne a tlhalosa fa dipalo tse di tshwenya ka jaana pele ga go tlhagoga ga bolwetse jo, mo Tlokweng go ne go batho ba le ka fa tlase ga lesome mo bekeng kana go sa gatisiwe dikgang dipe gotlhelele.
Mme Keabonye o ne a tlhalosetsa morafe ka dikai tse di supang fa ngwana a na le letshololo a re ke go latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.
A re ngwana o ka wela phogwana, a wela matlho, go boela ga letlalo ka bonya fa a notiwa, go sa aja sentle ga mmogo le go lapisega.
O boletse gape fa letshololo le bakwa ke go kgotlelesega ga dijo.
A re mo nakong ya gompieno mogare wa rota virus ke one o o amanngwang le letshololo.
Mme Keabonye o kopa Setshaba go tshwara dijo ba le phepa ka nako tshotlhe, go tlhapa diatla ka molora fa motho a tswa ntlwaneng ya boiteketso, go tlhapisa bana diatla pele ga ba tshwara dijo, go tlhatswa maungo pele ga a jewa go kganela go nna teng ga letshololo.
Mme Keabonye o ne a tlhalosa fa letshololo le sa tshwanelwa go tsewa motlhofo, ka jalo a rotloetsa morafe go tabogela fa dikokelong fa ba lemoga dikai tsa letshololo mo baneng gore ba kgone go thusiwa go na le nako ga mmogo le go thibela go gakala ga letshololo.
O ne a tlhalosa fa thulaganyo e e dirwang mo dikokelong e le go fa bana metsi a ORS, kotla ya Zinc sulphate, mme ka jalo ngwana mongwe le mongwe a tshwanetse go nna le yone go lwantsha letshololo.
E rile a amogela phuthego mo kgotleng, mothusa kgosi wa Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone a supa fa a sa itumedisiwe ke batho ba ba sa tseneng diphuthego tse di botlhokwa jaaka tsa botsogo.
Kgosi Gaborone a re go botlhokwa go tsaya ditaelo tsa ba botsogo, segololo bogolo fa go na le mathata a a tlhagogileng a letshololo, ka jalo a kopa morafe o o neng o tsene phuthego go ya go anamisa molaetsa oo.
O ne gape a kgala batho ba ba gasagasang matlakala jaaka metseto ya bana mo motseng oo, a tlhalosa fa go dira jalo e le go kgotlela tikologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : TLOKWENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Sep 2018



