Lenaneo la Kgomokhumo le ntsha maduo
26 Sep 2018
Lenaneo la mapodisi la go lwantsha bogodu jwa leruo la KgomoKhumo le tlhatswa barui ngati mo kgalong ya Ngwaketse Bophirima ka go tswelela le tshwara ba babelaelwa ba ba ntseng ba tlhorontsha barui.
Moanamisa mafoko wa sepodisi sa Botswana, Assistant Commissioner Dipheko Motube a re beke eno ba tshwere ba lelwapa la ga Rre Molekodi Chepete wa dingwaga tse 60, wa kgotla ya go Modutlwa mo Kanye.
A re ba mo fitlhetse ka dikgomo dile masome a mararo mme mo go tsone dile lesome le bone go belaelwa ele tsa bogodu. Assistant Commissioner Motube o boletse fa Rre Chepete le ngwana wa gagwe wa mosimane Rre Oageng Baitsile (36) ba tswerwe kwa masimong a Maisane go bapa le motse wa Molapowabojang bosheng, mme yo mongwe ngwana wa ga Rre Chepete a ne a tsena ka lenga la seloko.
O boletse fa dikgomo tseo di na le marole, fa tse dingwe di tshubilwe gantsi, le matshwao a tsone a farologane. A re mme dikarabo tsa babelaelwa ga di kgotsofatse batlhotlhomisi, mme legale ditlhotlhomiso tsa mapodise di santse di tsweletse.
Go bolelwa fa Rre Chepete g ele mmelaelwa yoo emetseng ditsheko tse di fetang bone ko kgotleng tse di simolotseng ka 2014.
Go bolelwa fa lenaneo la Kgomo-khumo le lwantsha bogodu jwa leruo mo dikgaolong tsa Ngwaketse Bophirima, Borwa, Kgalagadi le Kweneng Bophirima kwa go bolelwang fa bogodu jwa leruo bo ile magoletsa thata.
Kwa Molapowabojang, banni ba kaile fa ba kgokgontshiwa thata ke magodu a leruo mo mafelong a Maisane, Kamawe, Lotlhakane botlhaba le Maisane-Kopore.
Rre Motube o boletse fa mo kgaolong ya Molapowabojang bogolo jang ko masimong a Maisane, go na le digongwana tse di ipopileng mme di utswa leruo, mme a re ba tsile go ba tshwara.
Le fa gontse jalo, Rre Motube o kopile barui go tlhokomela leruo la bone, ba itsi palo ya lone, ba di tshube ka nako ebile ba ditshwae sentle.
O ba kopile gore ba tlhokomele badisa ba bone, gape ba etele meraka ya bone kgapetsa kgapetsa gore ba seka ba nna le mowa mongwe.
A re lefatshe leno ke la balemi-barui mme jaanong bangwe ba ikhumisa ka leruo la bone, a re seemo seo se ka diga itsholelo.
O tlhalositse gore mo go lwantsheng bogodu ja leruo go na le matshwenyego a ba rakanang nao ko makgotleng a ditsheko ka gore bangongoregi le babelaelwa ba na le go itshwarelelana ko ntle ga lekgotla ba duelana ka dikgomo, ba re ke go tlhatswa tshipi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOLAPOWABOJANG
Event : Potsoloso
Date : 26 Sep 2018



