Ba Gamodubu ba kopa go kopana le bogogi jwa khansele
26 Sep 2018
Banni ba Gamodubu kwa kgaolong ya Kweneng ba kopile bogogi jwa khansele ya Kweneng go etela motsana wa bone.
Ba boletse se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa bone, rre Borumulano Motlhwai bosheng.
Kopo ya bone e ne e tsalwa ke go tlhagoga ga molelo kwa go latlhelwang matlakala teng ngwaga tlola.
Banni ba re modulasetilo wa khansele, Rre Jeffery Sibisibi, o ne a ba solofetsa fa a tla a tsisa dingaka go ba tlhatlhoba mme nako kgolo ke eno.
Mo bekeng tse tharo tse di fetileng, go ne ga tlhagoga molelo gape fa go latlhelwang dipolaseteke teng mme le mo nakong ya gompieno go ntse go a sha.
Go ya ka modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Sefela Gaopatwe, metsi le dijo di nna botlhoko ka ntata ya mosi.
“Ke setse ke lwala matlho, mometso le dinko tsa me di nna ka go omelela. Re buile ka lehuti le thata mme re emetse Rre Sibisibi,” a digela.
O tsweletse a bolela fa ba na le seemo fa pula ena ka jaana fa letangwana le le mo lehuting leo le tlala le tlhatsetsa mo motseng mme metsi a teng a tla ka diboko tse ditona mme di sale mo malwapeng a bone.
Mme Gaopatwe a re gape dintsi di oketsegile mo nakong eno mo e leng gore ga ba itse gore ba ka dira jang ka jaana ba na le bana le balwetse ba ba tlholang ba le nosi fa bone ba ile ditirong.
A re batho ba ba ka felela ba jele dintsi tse ka jaana ba sena maatla kgotsa dikakanyo tsa go ka khurumela dijo sentle fa ba sena go ja.
Banni ba tsweletse ka go gakolola bangwe ka bone go isa bana ko dikokelong ka jaana ba gotlhola mme ba belaela e le ditlamorago tsa mosi. Ba re go ya sepatela go ka ba thusa ka bopaki mo dinakong tse di tlang fa ba tsaya dikgato dingwe. Ba bile ba bolela fa ba sa kgone go bula diokomela bagwe ka jaana go ologela mosi mo matlong ntswa ba botsogo ba totloetsa gore di bulwe gore go tsene phefo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse o boletse fa ba gakgamadiwa ke go bona khansele e ikopa maitshwarelo mo dipampiring tsa dikgang ka go sha ga lehuti mme ba sa buisanye le ba banni ba motse.
E re go le jalo, banni ba ledile gape ka gore ngaka e tla morago ga kgwedi ka jalo ba patelesega go ya dikokelong tse dingwe ntswa ba nna mo seemong sa mosi o o botlhoko.
Fa a ba kgwa dikgaba, mokhanselara a re ba khansele ba kile ba mmitsa mme ba tla nae go tla go bona kgosi fa molelo o tlhagoga mo bosheng. A re o ile a gakolola bogogi gore seo ga se a lekana ba tshwanetse go tla go buisa morafe.
Rre Motlhwai a re batho ba Gamodubu ba tlhoka go tla go sidilwa maikutlo, go tlhatlhobelwa malwetse a a ka tswang a ka bakwa ke seemo se ba tshelelang mo go sone le go araba dilelo tsa bone di tshwana le gore ba ne ba solofeditswe gore ba tla a hirwa mo lehuting le mme ga go a dirafala.
A re bogogi jwa khansele bo mmoleletse fa bo santse bo buisanya le maphata a a maleba ka go tla go buisa morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : Gamodubu
Event : phuthego
Date : 26 Sep 2018



