Breaking News

Monni wa Molepolole o itshedisa ka go dira diphahana

26 Sep 2018

Monni mongwe wa Molepolole, Mme Gofiwa Tebanyo (54),  a re go tshegetsa ngwao ya diphahana go mo tlodisitse melatswana.

Mme Tebanyo wa kgotla ya Magokotswane, yo e leng molemi morui wa popota, a re kgwebo ya go betla diphahana go mo inotse mo lehumeng e bile e mo dirile motlotlo thata ka a santse a tshegeditse ngwao e a godiseditsweng mo go yone.

Mo potsolotsong, Mme Tebanyo o boletse fa a tswa kgakala a fenya lehuma ka go rekisa diphahana tse a di lemang kwa tshimong ya gagwe e e kwa Gamodubu.

O tlhalositse fa a jwala peo ya phahana ka nako ya temo fela jaaka dijwalo tse dingwe, mme e re e sena go gola a dirise shage go e phunya a bo a e apaya lebaka la di oura tse pedi gore e butswe e bo e nne motlhofo go falega le go betlega ka thipa, mme e re morago a boe a e apeye gape ka mogetlo go dira gore e nne le mmala o montle.

Mme Tebanyo a re fa a sena go betla diphahana, o di rekisetsa ba motlobo wa ditso (museum) kwa Molepolole ba ba di dirisang mo meletlong ya ngwao, ga mmogo le go rekisetsa ba ba rekang go kgabisa mo medirong le mo malwapeng a bone.

A re se se dirileng gore a nne motlotlo le go feta mo kgwebong ya gagwe, ka a setse a kgonne go oka bareki go tswa kwa ntle ga lefatshe la Botswana. A re o setse a kile a amogela bareki go tswa kwa Lesotho.

“Morafe o o senang ngwao o tlhabisa ditlhong e bile ga o a nonofa. Maikaelelo ame ke go tshegetsa ngwao go ya pele,” a rialo.

Mme Tebanyo boletse fa a bapaletswa kgwebo ya gagwe ke ngwana wa gagwe mo maranyaneng a Facebook a a supileng fa a mo kopantse le bareki ba le bantsi e bile kgwebo ya gagwe e tiile.

“Ke tswa kgakala le ngwao, e bile ke ya pele le yone.

Bakwena ga ba sa tlhole ba somaretse ngwao ka gore bontsi jwa bone bo a lema mme ga o kake wa fitlhela ba lemile phahana mo dijwalong tsa bone ka ba sa tlhole ba itse mosola wa yone,” a bolela.

Mme Tebanyo o ne a galaletsa kgwebo ya gagwe ya go betla diphahana a supa fa e mo agetse motse e bile a tsweletse ka go itshetsha ka yone le ba lelwapa la gagwe.

A re ka a rata ngwao e bile a e rotloetsa bobe, o kile a adima ba sekole sa Kwena Sereto diphahana tsa gagwe go di dirisa e le dikai fa ba ruta bana ka ngwao. 

A re o dirisa tshimo ya gagwe e e kwa Gamodubu go supegetsa bana ba sekole se se botlana sa Gamodumo ka tsa temo ka a lemile sengwe le sengwe mo go yone.

Le fa gontse jalo, Mme Tebanyo o ne a ngongorega thata ka Bakwena ba ba tsweletseng ka go latlha ngwao ntswa ba godiseditswe mo go yone e bile e le serodumo sa batsadi ba bone.

O rotloeditse balemi gore fa ba lema ba seka ba tlhopha dijalo tse di jewang fela ka batshwanetse go lema le tse di ka tsogang di supiwa e le bokao mo kgodisong ya ngwao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitseone Tlhware

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 26 Sep 2018