Breaking News

Sekolo sa Serorome se ipelela ngwao

25 Sep 2018

Mogolwane wa tsa ngwao kwa motlobong wa ditso kwa Serowe, Rre Skobinolo Lekhutlile a re puso e rotloetsa gore bana ba fiwe nako ya go rutwa ka ngwao mo dikoleng.

O buile jalo kwa letsatsing la ngwao le le neng le tshwerwe kwa sekoleng se sebotlana sa Serorome kwa Palapye go ruta bana ka ngwao.

A re Batswana ba itlhokomolositse ngwao ya bone, ba kgatlhegela dingwao tsa batho ba bangwe. Rre Lekhutlile a re puso e bone go tlhokafala gore bana ba direlwe letsatsi la ngwao ka gore ga go sa tlhole go dirwa dipe tsa ngwao kwa malwapeng.

A re le fa e le yone puo tota ya Setswana bana ga ba e itse, ka gore go ganeletswe mo dilong tsa dingwao di sele. A re ngwao e sireletsa batho mo go direng dilo tse di ka ba tsenyang mo diphatseng ka meila.

A re go setse go tumile gore Batswana ba bo ba nyatsa ngwao ya bone, ntswa ba mafatshe a mangwe bone ba eletsa dingwao tsa Batswana. 

A re nako e tsile ya gore Batswana ba dire dipatlisiso ka ngwao ya bone, e seng go tlolela mo dingwaong tse ba sa di itseng.

Mogokgo Kgomotso Kgosiesele a re ngwao ke seikokotlelo sa Batswana, ka jalo ba ne ba bona gore mo sekoleng sa bone ba e tsosolose ka letsatsi la ngwao.

Mme Kgosiesele a re ngwao e ruta motho boitshwaro jo bontle le maitseo, ka jalo go ka ba thusa gore bana ba nne le maitseo le gore ba gole sentle ba itsetsepetse ka setso sa boneMogolwane wa tsa ngwao kwa motlobong wa ditso kwa Serowe, Rre Skobinolo Lekhutlile a re puso e rotloetsa gore bana ba fiwe nako ya go rutwa ka ngwao mo dikoleng.

O buile jalo kwa letsatsing la ngwao le le neng le tshwerwe kwa sekoleng se sebotlana sa Serorome kwa Palapye go ruta bana ka ngwao.

A re Batswana ba itlhokomolositse ngwao ya bone, ba kgatlhegela dingwao tsa batho ba bangwe. Rre Lekhutlile a re puso e bone go tlhokafala gore bana ba direlwe letsatsi la ngwao ka gore ga go sa tlhole go dirwa dipe tsa ngwao kwa malwapeng.

A re le fa e le yone puo tota ya Setswana bana ga ba e itse, ka gore go ganeletswe mo dilong tsa dingwao di sele. A re ngwao e sireletsa batho mo go direng dilo tse di ka ba tsenyang mo diphatseng ka meila.

A re go setse go tumile gore Batswana ba bo ba nyatsa ngwao ya bone, ntswa ba mafatshe a mangwe bone ba eletsa dingwao tsa Batswana. 

A re nako e tsile ya gore Batswana ba dire dipatlisiso ka ngwao ya bone, e seng go tlolela mo dingwaong tse ba sa di itseng.

Mogokgo Kgomotso Kgosiesele a re ngwao ke seikokotlelo sa Batswana, ka jalo ba ne ba bona gore mo sekoleng sa bone ba e tsosolose ka letsatsi la ngwao.

Mme Kgosiesele a re ngwao e ruta motho boitshwaro jo bontle le maitseo, ka jalo go ka ba thusa gore bana ba nne le maitseo le gore ba gole sentle ba itsetsepetse ka setso sa bone.  Mogolwane wa tsa ngwao kwa motlobong wa ditso kwa Serowe, Rre Skobinolo Lekhutlile a re puso e rotloetsa gore bana ba fiwe nako ya go rutwa ka ngwao mo dikoleng.

O buile jalo kwa letsatsing la ngwao le le neng le tshwerwe kwa sekoleng se sebotlana sa Serorome kwa Palapye go ruta bana ka ngwao.

A re Batswana ba itlhokomolositse ngwao ya bone, ba kgatlhegela dingwao tsa batho ba bangwe. Rre Lekhutlile a re puso e bone go tlhokafala gore bana ba direlwe letsatsi la ngwao ka gore ga go sa tlhole go dirwa dipe tsa ngwao kwa malwapeng.

A re le fa e le yone puo tota ya Setswana bana ga ba e itse, ka gore go ganeletswe mo dilong tsa dingwao di sele. A re ngwao e sireletsa batho mo go direng dilo tse di ka ba tsenyang mo diphatseng ka meila.

A re go setse go tumile gore Batswana ba bo ba nyatsa ngwao ya bone, ntswa ba mafatshe a mangwe bone ba eletsa dingwao tsa Batswana. 

A re nako e tsile ya gore Batswana ba dire dipatlisiso ka ngwao ya bone, e seng go tlolela mo dingwaong tse ba sa di itseng.

Mogokgo Kgomotso Kgosiesele a re ngwao ke seikokotlelo sa Batswana, ka jalo ba ne ba bona gore mo sekoleng sa bone ba e tsosolose ka letsatsi la ngwao. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : POTSOLOTSO

Date : 25 Sep 2018