Dibuka konokono mo tsamaisong ya kgwebo
25 Sep 2018
Batswana ba rotloediwa go innakanya le lekalana la LEA, go anywa bogakolodi le tsamaiso ya dikgwebo tsa bone gore di tle di kgone go ba solegela molemo mo go tokafatseng matshelo a bone.
Katlego ya kgwebo nngwe le nngwe e ikaegile ka bophepa le dibuka tsa kgwebo tse di kwalwang, go supa ka fa kgwebo e dirang ka teng.
Mme Josephine Gasejewe ke mongwe wa bagwebi ba ba neng ba tsaya kgato ya go etela lekalana la LEA mo Tsabong go kopa dikgakololo, a sena go bulelwa semausu la bobedi ke ba LEA Social Club ko motseng wa Maubelo.
Mo potsolosong le BOPA, o tlhalositse fa e ne ya re ka 2013, lephata la bong la mo abela semausu se se neng sa tswalwa ka 2017, ka lebaka la go tlhoka kitso mo tsamaisong ya kgwebo.
A re e ne ya re monongwaga ka Tlhokole, ba LEA Social Club ba diragatsa lefoko la Baebele le le reng go sego letsogo le le abang, ba mo abela setoko sa P3 900.
O tlhalositse fa e rile mo nakong ya fa abelwa setoko se, a gakololwa fa go nna le dibuka tsa kgwebo go le botlhokwa mo tsamaisong ya kgwebo nngwe le nngwe, ka se se mo fa sebaka sa go bona ka fa kgwebo e dirang ka teng.
Mme Gasejewe a re o tlhaloseditswe fa boitekanelo le bophepa di tsaya karolo e kgolo thata mo mererong ya tsa kgwebo, mme ba bangwe bagwebi ba itlhokomolosa se.
A re bareki ba kgatlhegela go reka mo lefelong le le phepa e bile dijo kana dithoto tse direkisiwang e le tsa boleng jo bo kwa godimo.
A re e ne ya re morago ga go fiwa semauso gape, a ititiya sehuba go emela semauso sa gagwe ka dinao.
Mme Gasejewe a re o ne a ya go kopa bogakolodi kwa LEA ka tsamaiso ya kgwebo e tshwana le ya semausu.
O boletse fa a ne a gakololwa go bulela kgwebo ya gagwe buka e mo go yone a kwalang setoko se a se rekileng le se se leng teng pele ga a reka se sesha.
A re botlhokwa jwa go nna le buka e go thusa gore mogwebi a kgone go bona fa setoko se tswa le fa se tsena, le gore kgwebo e tsamaya jang, a e dira dipoelo kana jang.
Mme Gasejewe o boletse fa e rile go itemogela fa kgwebo e tsamaya ka thelelo morago ga go bula buka, a ithotloetsa go boloka madi a kgwebo morago ga thekiso nngwe le nngwe.
O bolotse fa a simolotse pele ka go dirisa Orange Money go boloka madi a kgwebo.
A re maikelelo a gagwe ke go bula polokelo madi mo bankeng ya Barclays mo lobakeng lwa kgwedi tse thataro tse di tlang, go itsa go dirisa madi mo dilong tse e seng tsa kgwebo.
Mme Gasejewe o tlhalositse fa lebaka le lengwe le le dirileng gore kgwebo ya gagwe e seka ya dira dipoelo ke go fa bareki ba gagwe sekoloto, ba ba feletseng ba palelwa ke go duela.
A re mo nakong ya gompieno o ruthuntshitswe le go fiwa botsipa jwa go tsamaisa kgwebo.
A re o ikaelela go dirisa matlhale yotlhe e a filweng go tsamaisa kgwebo ya gagwe.
A re dikgwetlho tse a di bonang ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dipalamo tse di mo tseelang setoko morago ga theko kwa marekisetsong a Trans le Shoppers.
O bolotse fa a leka ka bojotlhe go tila kgwetlho ya bareki ba ba batlang go reka ka sekoloto jaaka a ne a dira go le pele.
A re toro ya gagwe ke gore kgwebo ya gagwe e gole gore a tle a kgone go reka koloi e e ka kgonang go mo thusa mo kgwebong ya gagwe.
A re mo nakong ya gompieno kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle fela thata.
A re morago ga go tswalwa ga kgwebo ya gagwe, o ne a fetoga mokopi, a re jaanong o kgona go dira tsotlhe tse a di ditlhokang ka lemmenyana le le mo salelang a sena go ntsha madi a setoko.
O rotleditse bagwebi ba bangwe go inaakanya le makalana a ab thusang bagwebi ka tsamaiso ya dikgwebo.
O gateletse fa buka ya kgwebo e le yone konokono mo morerong wa go tsamaisa kgwebo.
A re dibuka di tlhokana le go dirwa ka manontlhotlho a magolo mme di batla nako, lorato le boitshoko gore kgwebo e tswelele le go gola sentle ka fa tshwanelong.Batswana ba rotloediwa go innakanya le lekalana la LEA, go anywa bogakolodi le tsamaiso ya dikgwebo tsa bone gore di tle di kgone go ba solegela molemo mo go tokafatseng matshelo a bone.
Katlego ya kgwebo nngwe le nngwe e ikaegile ka bophepa le dibuka tsa kgwebo tse di kwalwang, go supa ka fa kgwebo e dirang ka teng.
Mme Josephine Gasejewe ke mongwe wa bagwebi ba ba neng ba tsaya kgato ya go etela lekalana la LEA mo Tsabong go kopa dikgakololo, a sena go bulelwa semausu la bobedi ke ba LEA Social Club ko motseng wa Maubelo.
Mo potsolosong le BOPA, o tlhalositse fa e ne ya re ka 2013, lephata la bong la mo abela semausu se se neng sa tswalwa ka 2017, ka lebaka la go tlhoka kitso mo tsamaisong ya kgwebo.
A re e ne ya re monongwaga ka Tlhokole, ba LEA Social Club ba diragatsa lefoko la Baebele le le reng go sego letsogo le le abang, ba mo abela setoko sa P3 900.
O tlhalositse fa e rile mo nakong ya fa abelwa setoko se, a gakololwa fa go nna le dibuka tsa kgwebo go le botlhokwa mo tsamaisong ya kgwebo nngwe le nngwe, ka se se mo fa sebaka sa go bona ka fa kgwebo e dirang ka teng.
Mme Gasejewe a re o tlhaloseditswe fa boitekanelo le bophepa di tsaya karolo e kgolo thata mo mererong ya tsa kgwebo, mme ba bangwe bagwebi ba itlhokomolosa se.
A re bareki ba kgatlhegela go reka mo lefelong le le phepa e bile dijo kana dithoto tse direkisiwang e le tsa boleng jo bo kwa godimo.
A re e ne ya re morago ga go fiwa semauso gape, a ititiya sehuba go emela semauso sa gagwe ka dinao.
Mme Gasejewe a re o ne a ya go kopa bogakolodi kwa LEA ka tsamaiso ya kgwebo e tshwana le ya semausu.
O boletse fa a ne a gakololwa go bulela kgwebo ya gagwe buka e mo go yone a kwalang setoko se a se rekileng le se se leng teng pele ga a reka se sesha.
A re botlhokwa jwa go nna le buka e go thusa gore mogwebi a kgone go bona fa setoko se tswa le fa se tsena, le gore kgwebo e tsamaya jang, a e dira dipoelo kana jang.
Mme Gasejewe o boletse fa e rile go itemogela fa kgwebo e tsamaya ka thelelo morago ga go bula buka, a ithotloetsa go boloka madi a kgwebo morago ga thekiso nngwe le nngwe.
O bolotse fa a simolotse pele ka go dirisa Orange Money go boloka madi a kgwebo.
A re maikelelo a gagwe ke go bula polokelo madi mo bankeng ya Barclays mo lobakeng lwa kgwedi tse thataro tse di tlang, go itsa go dirisa madi mo dilong tse e seng tsa kgwebo.
Mme Gasejewe o tlhalositse fa lebaka le lengwe le le dirileng gore kgwebo ya gagwe e seka ya dira dipoelo ke go fa bareki ba gagwe sekoloto, ba ba feletseng ba palelwa ke go duela.
A re mo nakong ya gompieno o ruthuntshitswe le go fiwa botsipa jwa go tsamaisa kgwebo.
A re o ikaelela go dirisa matlhale yotlhe e a filweng go tsamaisa kgwebo ya gagwe.
A re dikgwetlho tse a di bonang ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dipalamo tse di mo tseelang setoko morago ga theko kwa marekisetsong a Trans le Shoppers.
O bolotse fa a leka ka bojotlhe go tila kgwetlho ya bareki ba ba batlang go reka ka sekoloto jaaka a ne a dira go le pele.
A re toro ya gagwe ke gore kgwebo ya gagwe e gole gore a tle a kgone go reka koloi e e ka kgonang go mo thusa mo kgwebong ya gagwe.
A re mo nakong ya gompieno kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle fela thata.
A re morago ga go tswalwa ga kgwebo ya gagwe, o ne a fetoga mokopi, a re jaanong o kgona go dira tsotlhe tse a di ditlhokang ka lemmenyana le le mo salelang a sena go ntsha madi a setoko.
O rotleditse bagwebi ba bangwe go inaakanya le makalana a ab thusang bagwebi ka tsamaiso ya dikgwebo.
O gateletse fa buka ya kgwebo e le yone konokono mo morerong wa go tsamaisa kgwebo.
A re dibuka di tlhokana le go dirwa ka manontlhotlho a magolo mme di batla nako, lorato le boitshoko gore kgwebo e tswelele le go gola sentle ka fa tshwanelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshwarelo Tsholofelo
Location : MAUBELO
Event : POTSOLOTSO
Date : 25 Sep 2018



