Breaking News

Letsine setswerere sa go bopa

25 Sep 2018

 Monana wa kgotla ya Ikageleng mo Selebi Phikwe Rre Prince Letsine o dirisa talente ya gagwe go itshetsa ka go dira ditshwantsho tsa diphologolo ka dipampiri.

Rre Letsine o tlhalositse mo puisanong le BOPA fa lerato le talente ya go dira diphologolo e simolotse fa a sale kwa sekoleng se sebotlana ka 2013.

O tlhalositse fa talente ya gagwe ya go dira diphologolo ka dipampiri tsa dikgang e le ya tlholego e bile asa e rutwa kwa sekoleng.

A re o dira diphologolo tsa naga ka go farologana tse di kgabisang mo diofising le mo malwapeng.

Rre Letsine o boletse fa a itshetsa ka tiro e, ka mo nakong ya gompieno asa dire gope mme tiro e, ele yone ea itebagantseng le yone go mo tshetsa.

O tlhalositse fa diphologolo tse a di dirang di rekwa ke dikompone tse di ikemetseng, maphata a puso le batho ka bongwe ka bongwe go kgabisa mo diofising le mo malwapeng a bone.

 A re diphologolo tse a di dirileng di fitlhelwa di kgabisitse mo mafelong ka go farologana mo lefatsheng leno a tshwana Mophane Primary School kwa Gaborone, Morula English Medium kwa Selebi Phikwe, Hotel Selebi le mafelo a mangwe.

Rre Letsine a re o dirisa methale e e farologaneng go bapatsa tiro ya gagwe jaaka go tsenelela ditshupo le go ipapatsa ka maranyane a Facebook.

 O boletse fa maikaelelo a gagwe e le go godisa tiro ya gagwe gore e nne kgwebo e e kwadisitsweng ka fa molaong ga mmogo le go ikgolaganya le makalana a puso aa ka mo thusang ka madi gore a kgone go godisa le go bapatsa tiro ya gagwe.

A re le fa tiro ya gagwe e tsweletse sentle, go na le dikgwetlho tse a kopanang le tsone jaaka go tlhoka lefelo le a direlang mogo lone ka mo nakong ya gompieno a direla mo lwapeng.

O tlhalositse fa didirisiwa tse a dirang dipholologolo ka tsone dile turu e bile a di reka kwa mafelong a a kgakala.

 Rre Letsine o kgothaditse banana go itshetsa ka ditalente tsa bone ga mmogo le go di dirisa go ikgapha mo tirisong botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi.

O kopile puso go oketsa dithuso tse e di neelang batho ba ba itshetsang ka ditalente gore ba kgone maiteko a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : SELEBI PHIKWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 25 Sep 2018