Breaking News

Kedisitse o ipelafatsa ka thuo ya dikoko

25 Sep 2018

Mme Seanokeng Kedisitse a re o ipelafatsa ka thuo ya dikoko tsa nama e a e direlang mo lwapeng.

Mo puisanyong, Mme Kedisitse o tlhalositse fa a simolodisitse kgwebo ya thuo ya dikoko tsa nama mo lwapeng lwa gagwe ka 2015.

A re o ne a simolola kgwebo e morago ga gore a tlhokafalelwe ke monna mme lelwapa la gagwe la simolola go sokola ka rre yo e le ene a berekang.

Mme Kedisitse o boletse fa a ne a diragatsa Setswana se se reng ‘e a re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting’ mme o ne a tswa ka leano la go tshetsa ba lelwapa ka e bile ba ne ba sa ntse bale bannye fa rraabone a tlhokafala.

A re ka a dumela gore mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng, o ne a ipolelela gore o tsile go dira ka thata gore a kgone go tlhokomela bana.

O boletse fa a simolotse kgwebo ka go rua dikoko tsa nama di le masome a mabedi mme ka go thoka lesego di le tlhano tsa aswa di le dinnye mme a kgona go rekisa di le lesome le botlhano.

Mme Kedisitse a re ka fa dikoko tsa gagwe di neng tsa rekwa ka teng go ne ga mo nontsha pelo.

A re ka jalo a nna le tumelo ya gore kgwebo e, e ka dira sentle fa a ka rua palo e ntsi ya dikoko.

A re mo nakong e e tlang o ne a rua dikoko di le masome a mane mme tsa aloga tsotlhe a bo a kgona go bona dikete tse pedi tsa dipula fa a sena go di rekisa.

 O boletse fa se ya bo e le tshimologo ya sengwe le sengwe, mme a oketsa palo ya dikoko go nna lekgolo.

Mme Kedisitse a re mo dikokong di le lekgolo o dira madi a a tshwarang dikete tse tlhano tsa dipula fa go sena tse di neng tsa aswa pele ga thekiso.

A re gompieno o rekisetsa dikoko tsa gagwe batho ka bongwe le ba ba nang le mediro jaaka manyalo.

O tlhalositse fa a ise a kgone palo e  e batlwang ke bareki ba gagwe ka o rua palo e e lekaneng ya dikoko.

A re se se dirwa ke go tlhoka lefelo le le bulegileng le a ka ruelang mogo lone.

Mme Kedisitse o boletse fa thuo ya dikoko e kgonne go tshetsa ba lelwapa la gagwe e bile bana ba gagwe ba alogile ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane.

A re o kgonne go dira dilo tse dintsi ka madi a a a bonang mo thuong ya dikoko.

O boletse fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone mo kgwebong ya yagwe e le go swa ga dikoko di sale dinnye mme se se dire gore kgwebo ya gagwe e seka ya dira dipoelo mo nakong dingwe.

O kgothaditse bomme go ema ka dinao fa ba kopana le dikgwetlho tsa botshelo di tshwana le go tlhokafalelwa ke yoo neng a tlhokomela lelwapa.

A re bomme ba eme ka dinao ba tsee mananeo a puso a a ka ba namolang lehuma. Mme Kedisitse o kgothaditse bomme go emana nokeng ka dinako tse di thata ga mmogo le go ipopa ditlhopha go itshimololela  dikgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : SELEBI PHIKWE

Event : POTSOLOTSO

Date : 25 Sep 2018