Breaking News

Kidz Academy e rotloetsa ngwao ya Sengwaketse

25 Sep 2018

Kgosikgolo wa Bangwaketse, Kgosi Malope II le tona wa pele, Rre Peter Siele ba ne ba itumelela thata fa baithuti ba sekole sa Kidz Academy International School ba supa motshameko wa ngwao, ka tsamaiso ya lonyalo lwa Setswana bogolo jang lwa Sengwaketse.

Baithuti ba sekole sa Kidz, ba ne ba supa motshameko ba dira ka matsetseleko ka tsamaiso ya lonyalo lwa Sengwaketse.

Modiro oo, o ne o tshwaretswe kwa sekoleng seo bosheng maikaelelo e le go supa ngwao ya Sengwaketse.

Motshameko o ne o rokotsa mathe, fa bagolo le kgosi ba ne ba bona ka fa baithuti bao ba supang tshimologo le bokhutlo jwa go batla ngwetsi.

Ba supa ka fa go rerisanngwang ka teng le gore go rongwa bomang, go buiwa go tweng, go fitlhelela tiro ya lonyalo e wediwa ka botswerere.

Ba rutile ka bogadi gore go ntshiwa dikgomo di fera bobedi le nku ya mokwele ka tseo ya Sengwaketse.

Monna o bodiwa gore a o agile e seng jalo ga a kake a bona mosadi.

Magosana le bagolo ba ba neng ba tsene letsatsi leo, ba dumalane fa baithuti ba le mo tseleng.

Mongwe wa dibui, e bile e le mmoki wa popota, Rre Bakang Lesole, yo o neng a le molalediwa wa tlotla, o tlhalositse fa ngwao e le boswa e tshwanetse ya somarelwa thata gore dikokomane tse di tlang di e fitlhele e sa nyelela.

Rre Lesole a re ngwao e fa batho boleng jwa bone le serite, le fa ngwao e fetoga ka dinako.

A re batho ba tshwanetse go ipelafatsa ka ngwao ya bone.

A re Batswana ba tshwanetse go ipela ka Setswana sa bone le mebala ya bone.

O galaleditse baithuti go bo ba rotloetsa ngwao ka botswapelo ba sa tsamae le ya sekgoa fela. ENDS

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Tshiamiso Mosetlha

Event : Tshiamiso Mosetlha

Date : 25 Sep 2018