Breaking News

Ba Dinokeng ba tlamela motlhoki

06 Jun 2018

Go simolodisa thulaganyo ya bone ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ba Dinokeng Business Expo (DBE) ba ne ba tlhola kwa lelapeng la ga Rre Sinki Nyepetsi kwa ba neng ba ntshafatsa ntlo ya gagwe, go phepafatsa le go ja le ene dijo tsa motshegare.

E rile a bua mo puisanyong le BOPA moemedi wa DBE, Mme Ntefo Montshoe a supa fa maikaelelo a bone e se go itebaganya fela le bagwebi.

A re ba tsere tshwetso le maikarabelo a go tsenya letsogo mo ditirong tsa go thusa batlhoki.

Mme Ntefo a re ba itlama go direla metse yotlhe ya Dinoka le e mengwe ya Kgatleng ba tshwaragane le ofisi ya boipelego e e leng yone e ba thusang ka malapa a a thokang dithuso.

A re mo go direleng ga bone, ba amogela dithuso mme a lebogela tshwaragano ya bone le kompone ya 365 Waste Limited ka tirisanyo mmogo ya bone, baagisanyi ba rre yo ba mo thusitseng Mokhanselara Seoke ka thuso ya madi.

O kaile fa ba lekile go atolosa thuso ya bone ka go hira batho bangwe ba tikologo go ba thusa mo ditirong tse ba neng ba di dira.

Fa a tswa la gagwe, Mokhanselara Seoke o ne a iteela maiteko a ba DBE legofi a re ba tsere kgato e e lebosegang ya go tsenya letsogo go thusa le go tlamela matlhoki.

Rre Seoke a re e le bogogi jwa metse ba rotloetsa le go ema nokeng banana botlhe ba ba tlang ka ditsela le mananeo a go tokafatsa matshelo a batho mo magaeng.

A re go botlhokwa go itshupa bothakga mo gae, ka jalo a re o eletsa go bona ba DBE ba tswelela ka go atolosetsa lerato le dithuso tsa bone mo metseng e e mabapi.

A re fa banana ba bona botlhokwa jwa go iteka ba tlhoka go engwa nokeng le go rotloediwa go tswelela ba tshwere ka thata, ka jalo a gwetlha boeteledipele jwa metse go ema le banana ba metse ya bone gore ba tlhagafalele go dira tse di molemo.

Moagisanyi wa ga Rre Nyepetsi, Mme Eizabeth Nyepetsi le ene o ne a akgola tiro ya ba DBE , a re se ba se dirileng ke se segolo ka se tlaa mo nametsa.

Mme Nyepetsi a re rre yo o thusitsweng o nna a e esi e bile o bokoa.

A re go phepafatsa le go ntshafatsa ntlo ya gagwe mo go dirilweng ke ba DBE go thusitse, a supa gape fa e ne e le thomo ya Modimo ka go ne ga bolawa noga mo nngweng ya didirisiwa tsa gagwe tse di nnang mo ntlong ka nako ya phepafatso.

Mme Nyepetsi a re le bone e le baagisanyi ba kgothetse ka e bile ba buletswe tsela.

A re o itlama go sala a thusa fa a kgonang teng.

Rre Nyepetsi le ene o ne a supa boitumelo jo bogolo a re ba DYBE ba gole le go tswelela ka mowa wa bone wa lerato.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : MMATHUBUDUKWANE

Event : Expo

Date : 06 Jun 2018