Mananeo a ka tokafatsa matshelo
17 Jul 2013
Baagi ba Inalegolo kwa kgaolong potlana ya Hukuntsi ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso ka botlalo go tlhabolola matshelo a bone.
Mafoko a a builwe ke mothusa mokwaledi wa khansele e potlana ya Hukuntsi, Rre Joseph Kgabanyane ka letsatsi la go ruta morafe ka mananeo kwa motseng oo. Rre Kgabanyane o tlhalositse gore puso e itlamile go tlhabolola matshelo a Batswana, bogolo jang ba ba nnang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo.
A re puso e otlolotse letsogo ka mananeo a le mmalwa jaaka la LIMID, le le ka tokafatsang matshelo a Batswana, fa ba ka le dirisia sentle. O ne a gatelela ntlha ya gore mananeo a a ka godisa itsholelo ya lefatshe leno mo isagong, ka a na le dipoelo tse di bonalang.
O ne a tlhalosa gore go na le mananeo a a tlhametsweng banana go ba neela kitso ya go itlhamela ditiro le go ijesa, ka e le bone baeteledipele ba ka moso. Rre Kgabanyane o ne a akgola badirelapuso ba ba itlamileng go diragatsa mananeo a puso, bogolo jang kwa dikgaolong tse di kgakala le ditoropo le metse e mogolo.
A re ka ntlha ya boatlhamo jwa kgaolwana ya Hukuntsi, go dingalo go isa ditlamelo kwa bathong botlhe ka ntlha ya gore metse mengwe ga e na ditlamelo jaaka ditsela tse di siameng. O tlhalositse le gore go tlhoka ditlamelo go dira gore baagi ba metse mengwe kwa kgaolong eo ba tlhaelwe ke mananeo a puso le ditlhabololo ka kakaretso.
O ne a tlhalosa gore letsatsi la go ruta morafe oo ka mananeo le botlhokwa fela thata ka le o atametsa ditlamelo le kitso. Kgosi Seka Boraetsile wa Inalegolo o ne a supa fa a itumelela maiteko a puso a go isa mananeo kwa setshabeng. Le fa go ntse jalo, o ne a ngongoregela letlhoko la metsi a re le kgoreletsa go ata ga leruo le mananeo a mangwe a puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : HIKUNTSI
Event : Thutuntsho
Date : 17 Jul 2013