Merapelo e tswaletswe
17 Oct 2017
Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama o solofetswe gore a bo a le fa gare ga matshititshwiti a Bangwaketse jaaka ba tlaa bo ba isa dikgafela kwa ga Kgosi Malope II ka Labotlhano.
E rile a amogela baeng kwa tirelong ya go tswala merapelo ya Lwetse kwa Kanye ka Tshipi, Kgosi Thatayaone Makaba a kopa gore morafe o o tlaa bong o isa bojalwa gore o ne o sale o phaketse, a re ba tshwanetse go tsena kwa kgotleng ka nako ya bosupa ka jaana Tautona a tlaa bo a le teng.
A re go botlhokwa gore morafe o tshware nako ka jaana Tautona a tlaa bo a fetala golo gongwe morago ga dikgafela. Ba lekgotla la baruti la Kanye ba ne ba biditse morafe go tla go tswala merapelo ya Lwetss ka Sontaga kwa kgotleng kgolo ya ga Ngwaketse.
Fa a ema batsena tirelo e ka lefoko, modulasetilo wa lekgotla la baruti, Moruti Koolopile Pema o ne a re e le ba lekgotla ke tlwaelo ya bone go itshekatsheka mo kgweding e ya Phalane.
Moruti Pema a re mme mo ngwageng ono ba dirile thulaganyo e e farologanyeng ya go tswala merapelo ya Lwetsi le go rapelela pula,a tla a re ngwaga o ba ne ba le ditlhako di bonya mme ba tlaa di tsholetsa mo go o o tlang.
A re diphuthego di neelwe dintlha tsa diphuthego go di isa kwa dikerekeng, a bo a re dintlha tseo di seka tsa nna mo mothong a le mongwe fela gore diphuthego di tle di itse gore lekgotla le dirisa madi a tsone jang. Rre Pema gape o ne a re ngwaga o o tlang diphathi tsa sepolotiki ka go farologana di tlaa bo di ipapaletsa ditlhopho, ka jalo go botlhokwa gore dikereke di eme ka dinao go rapelela thithibalo gore mapolotiki ba tle ba dirise mafoko a a bonolo.
Fa a ntsha lefoko la kgothatso, Bishop Keikaketse Seile o ne a kopa batsena tirelo gore ba tlotle dikgosi, a re kgosi o tlhodilwe ke Modimo.
Bishop Seile a re mogogi wa kereke ya bone, Mme Mmanku o ba laetse gore ka dinako tsotlhe fa ba tsena mo motseng ba ipege kwa kgosing e bo e re ka moso fa ba fetsa ba bowe ba ye go leboga.
Fa leboga ba ba bneng ba tsene tirelo e, kgosi Leero Gaseitsiwe o ne a re go a hakgamatsa go bona tirelo e tsenwe ke manoto a dikereke ntswa dikereke di boitshega mo Kanye.
K
gosi Gaseitsiwe o kopile modulasetilo, Rre Pema gore a ne a itsese diphuthego dithulaganyo tsa mofuta o ka nako gore ba tle ba tle ka bontsi.
O boleletse modulasetilo gore a ne a bolelela diphuthego gore ba bidiwa ke kgosikgolo, a re kgosikgolo o okametse batho ba le 65 000 mo Kanye, ka jalo kgotla e tshwanetse go tlala fa go biditswe diphuthego.
A re o hakgamadiwa ke ba dikereke tsa sekgowa ka gore ga a ke a di bona kwa kgotleng di tsile go rapela. O bile a lebogela diphala tsa kereke ya St John a re o itse gore jaaka di gatile mo kgotleng jaana ditlhokwa di tlaa robalela Kanye.
Kgosi Gaseitsiwe a re fa diphala di fetileng teng go nna le tshiamelo a bo a re o dumela gore Modimo o tlaa gopola morafe matsetsenkane a boele ditiro tsa bone tsa botlhoka tsebe morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : tirelong ya go tswala merapelo
Date : 17 Oct 2017






