Breaking News

Boitshwaro jwa banana bo tshwenya kgosi

17 Oct 2017

Kgosi ya motse wa Mmadikola mo kgaolong potlana ya Boteti, Kgosi Tlhabologo Boima a re o tshwengwa ke go tlhoka go itshwara sentle ga banana.

Kgosi Boima o buile jalo mo phuthegong ya kgotla, e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo, Rre Slumber Tsogwane bosheng.

Kgosi a re o tlhobaetswa ke gore seemo se fa se ka tswelela se ntse jaana lefatshe leno le tla senyega.

Rre Boima a re o dumela gore go tshwanetse ga dirwa sengwe ka seemo se, a re go ka ntshiwa lekoko le le tsamayang le gakolola banana ka ditla morago tsa boitshwaro jo bo sa siamang.

Kgosi Boima o ne gape a supa letshwenyego la go tlhoka go tshwaragana ga magosi, a re ga ba gakololane ka tsamaiso ya tiro ya bone.

A re go tshwanetse ga dirwa thulaganyo ya gore magosi ba ne ba kopa ka gore go ka ba thusa go amogana maele a tiro ya bone.

O ne a rotloetsa morafe go tshwaragana le ba sepodisi gore batle ba kgone go lwantsha borukutlhi.

E rile a rolela Rre Tsogwane pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Lovemore Gobonwang a tlhalosa fa selelo segolo sa bone se se tswang kgakala e le motlakase kwa bophirima jwa motse oo, mathata gatwe ga ba mo poleneng.

Rre Gobonwang o ne gape a re ba kopa gore ditsela tse di fa gare ga motse di tshelwe le kgarapana, diofisi tsa kgotla di tsenngwe maranyane.

E rile a tsibogela matshwenyego a bone, Rre Tsogwane a ba tlhalosetsa fa ba lephata la motlakase ba na le lenaneo le ba le dirisang go atolosa motlakase.

Tona Tsogwane o tlhalositse fa letshwenyego la ga kgosi la boitshwaro jwa banana puso le yone e tshwenyegile ka jone.

Tona o tlhalositse fa Tautona a ne a bolotsa letsholo la matona a puso gore ba ye go sekaseka seemo ko dikolong .

Rre Tsogwane a re ba fitlhetse dikolo dile makgasa, mme tshenyo e nngwe go supafala gore e diriwa ke bana.

Tona a re batsadi ba na le seabe mo tshenyong ya bana, a tlhalosa gore bogologolo go ne go sena tshenyo mo dikolong ka gore bana ba ne ba tshaba ba le boi.

A re bana ba ba tlhokang tsebe ba, ke ba ba senang sepe le dithuto, a kopa batsadi gore ba kgalemele bana ka gotwe lore loojwa le sale metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : phuthegong ya kgotla,

Date : 17 Oct 2017