Breaking News

Ba re mananeo ga a salwe morago

17 Oct 2017

Banni ba Rakops kwa kgaolong-potlana ya Boteti ba re go tlhoka go salwa morago ga mananeo a puso ke gone go dirang gore a seka a tswelela sentle.

Banni ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Slumber Tsogwane bosheng.

Banni ba ne ba lela gape ka lebala la difofane le ba reng le sale le tserwe mo go bone, ba kopile gape ofisi ya poso.

Rre Tsogwane yo gape e leng tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o ne a supa fa puso e ntsha madi a mantsi a mananeo ka maikaelelo a go ntsha Batswana mo lehumeng.

Tona Tsogwane o ne a tlhalosa fa mathata e le gore bontsi jwa batho ba ba filweng mananeo a ga ba a tlhokomele.

A re seemo se se holodisa maikalelo a puso a go ba ntsha mo lehumeng le go tswakanya itsholelo.

Mongwe wa banni, Rre Galeitsiwe Kaisara a re letlhoko la ditiro ke lone le dirang gore banana ba amege mo borukutlhing.

Rre Gaboitatolwe Jenjele a re puso e na le seabe mo kgannyeng ya gore maduo a bana ga a itumedise ka gore didirisiwa tsa thuto di a tlhaela.

Rre Jenjele a re mananeo ga a salwe morago, seemo se areng se dira gore batho bangwe ba a fiwe gabedi.

Rre Galemphete Sethapelo ene o supile fa ditlou di na le seabe mo go phutlhamiseng maikaelelo a go thusa setshaba go tswa mo lehumeng ka temo-thuo.

Rre Sethapelo a re ba thusitswe ka lenaneo la go agelela masimo a a kopanetsweng, a tlhalosa fa ditlou di kgaotse terata.

A re le fa ba leka go baakanya, go tshwana fela ka di boa di e kgaola, a re le fa go ntse jalo ba lephata la diphologolo ga ba tsibogele dipego tsa tshenyo ya diphologolo.

Mo dikgannyeng tse dingwe mogolwane wa meepo ya Orapa Letlhakane le Damtshaa, Rre Sethole o ne a rolela Tona bese e potlana ya sekole se sebotlana sa Tsienyana ya madi a P700 000.

Rre Sethole o boletse fa bese e e ya ba-na-le bogole e tsentswe didirisiwa tse di dirang gore dikolotsana tsa bone di pagame motlhofo.

Rre Sethole a re go ne go kopilwe gore khamphani ya bone e tseye sekole, mme ka ba ne ba setse ba tsere sa Mokobaxane, ba bona go le botlhokwa gore ba ba direle sengwe.

E rile a lebogela mpho eo, mogokgo wa sekole se se botlana sa Tsienyane, Rre Geresome Mmusi a supa fa mpho e e le ya seemo se se kwa godimo, e bile e ya go dira pharologanyo mo matshelong a bana ga mmogo le go tsisa monyenyo mo difatlhegong tsa bone.

Rre Mmusi a re bangwe ba bana ba, ba ne ba sa kgone go tsena sekole sentle ka lebaka la gore go ne go sena se se ba tsayang ko malwapeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Oct 2017