Lore lo ojwa lo sa le metsi
17 Oct 2017
Borre ba gakolotswe go tsaya karolo ka mo dithutong tsa bana ba bone e seng go baya morwalo otlhe fela mo go bomme, bogolo jang go ya go sekaseka ditiro tsa bana mo dikoleng le go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana (PTA) tse di tshwarwang mo dikoleng.
Mafoko a builwe ke mogolwane go tswa mo lephateng la thuto mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Gaolatlhe Segone mo letsatsing la tsamaya sentle la bana ba lokwalo lwa bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa Nhake mo Tsabong.
Rre Segone o ne a gwetlha borre go ema ka dinao go tshwaraganela bana ka go ba aga go simologa fela kwa lwapeng ba sa ntse ba le bannye ka go ba ruta botho le maitseo ka e le tsone konokono mo phokotsegong ya botlhoka tsebe jo bo felelang bo diragala mo dikoleng, a kaya fa ‘lore lo ojwa lo sa le metsi’.
O ne a gakolola batsadi go godisetsa bana mo lefokong la Modimo ka poifo Modimo ka e le yone tshimologo ya botlhale le gone go ba godisetsa mo tikolong e e siameng go tila go ka raelesega ka go inaakanya le tse di ka ba kgoreletsang mo dithutong tsa bone jaaka go inaakanya le tsa marato, bojalwa, ditagi le tse dingwe.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso, sebui sa tlotla sa letsatsi leo, moruti wa kereke ya Sabata e bile e le mogwebi mo Tsabong, Rre Stephen Phiri o gakolotse bana go tlhopha ditsala tsa bone tsa nnete tse di ka ba fang dikgakololo tse di maleba le gone go ba kaela tsela e e ka ba solegelang molemo mo dithutong tsa bone go ya pele mo isagong.
Rre Phiri o boletse fa gape batsadi ba tshwanelwa ke go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore ba bopa bana, go kaela le go ruta bana matswakabele a botshelo gore ba tle ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone mo botshelong le gone go ba ruta go ikanya Modimo ka nako tsotlhe, a gatelela thata gore ba itshwarelele ka mafoko a setlhogo sa letsatsi leo sa Ke Na Le Wena Ka Nako Tsotlhe”
O ne a gakolola bana ba lokwalo lwa bosupa ba Nhake gore go fetsa lokwalo lwa bosupa ga go reye gore ba setse ba godile mme ba itse gore ba simolola loeto lo longwe lwa go ya go ithuta kwa dikoleng tse dikgolwane, le tse dingwe tsa ithutelo ditiro, a tlatsa ka go ba kopa go tswelela ba itshwara ka maitseo ka ba ya go kopana le batho ba ba farologanyeng kwa ba yang teng.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tsabong, Mme Dynah Basutli fa a laya bana o ne a a kopa go itshekatsheka pele ga ba ya go simolola mophato wa ntlha ngwaga oo tlang ka go ipaakanyetsa le go emelelana le dikgwetlho tsotlhe tse ba kopang le tsone ka ba setse ba ruthuntshitswe le go baakanngwa ditlhaloganyo ke barutabana mo ngwageng tse supa tse di fetileng.
Mme Basutli o ba boleletse fa go le mo maruding a bone gore tsela ba tsaya efe.
A e e yang timelong kana botshelong?
O ba kopile go itisa ka nako tsotlhe le go ikgapha mo dilong tse di maswe tsa go inaakanya le tsa marato ba sa ntse ba le bannye ka seo se ka ba senyetsa botshelo le bokamoso.
Go le pele fa a kgothatsa le go segofatsa letsatsi leo, Moruti wa kereke ya Apostolic Faith Mission, Moruti Obakeng Baumake o ne a tlhalosetsa bana fa botshelo jwa bogologolo le jwa gompieno bo le pharologanyo.
Moruti Bumake o ne a kaya fa bana ba sekole bogologolo ba ne ba ralala dikgwetlho tse di farologanyeng di akaretsa go tsena sekole ba tsamaya sekgala se seleele, tlhaelo ya matlo a borutelo le barutabana, didirisiwa le tse dingwe le gore botshelo bo ne bo le boima ka nako eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Tsamaya sentle ya bana ba lokwalo lwa bosupa
Date : 17 Oct 2017






