Breaking News

Ithuteng mo go ba bangwe -Mochanang

16 Oct 2017


E re ka Setswana se re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe, molaodi wa Kgatleng, Rre Mompoloki Mochanang o rotloeditse Bakgatla go ithuta mo go ba bangwe gore ba tle ba kgone go atlega mo go tse ba di batlang.

O buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla fa a ba lekodisa ka dikgang tsa motse wa bone le ka fa ba ka tswelelang ka teng go fitlhelela tse ba di batlang mo kgaolong le mo metsaneng ya bone.

A re go molemo go tsaya malebela mo metseng e mengwe mo kgaolong le ya dikgaolo tse dingwe, segolo bogolo mo dikgwebong le mo go tsa itshireletso.

O ne a rolela hutshe ba twantsho borukutlhi ya kgaolwana ya Makakatlela go bo ba tsweletse ka go tshwaraganela tiro ya go fokotsa borokutlhi le mapodisi go rurifatsa gore kgaolo ya bone e babalesegile.

Rre Mochanang a re ba kgaolo ya Makakatlela ba dira ka natla mo go tsa itshireletso mo kgaolwaneng mme go ka lebosega fa dikgaolo tse dingwe di ka tsaya malebela mo go bone.

O supile fa go tshwara motho yo o sentseng ka nakwana go emetswe mapodisi e le nngwe ya ditsela tse di dirwang ke ba twantsho borukutlhi ya kgaolwana ya Makakatlela go bona gore borukutlhi bo wela tlase.

A re se ke thuto mo setshabeng le morafe ka kakaretso ka gore kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.

Rre Mochanang o boletse fa a utlwile selelo sa Bakgatla ka diofisi tsa kgotla mme a tlhalosa fa ba boloditse letsholo go kopa dithuso mo go ba ba maleba gore ba thuse ka lefelo le go ka agelwang mo go lone.

O tlhalositse fa ba santse ba batla ba ba ka thusang ka go dupa pego ya leobo go bona gore go ka dirwa eng morago ga seo.

A re Bakgatla ba tshwanetse go lebagana le matshego a 2036 a a tlhamilweng ngogola go a itse le go a diragatsa go tsosolosa itsholelo ya lefatshe.

O ne a tshepisa fa a tlaa tsisa dibukana tsa Tebelopele ya 2036 gore e fiwe ba dikgotlana le ba ditlhabololo tsa motse gore Batswana ba tle ba e bone.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Wilfred Lebekwe a re ditlhabololo di bonya go goroga mo kgaolong ya kgatleng.

A re nnotagi le modumo le tsone di tsweletse ka go ya magoletsa mo motseng mme mapodisi go sena dikgato tse ba di tsayang go kganela se se diragalang.

O ne a tlatsa ka go re se se digela maduo a bana kwa tlase mo dikoleng ka ba anwa.

Mokhansela wa kgaolo ya Mabodisa, Rre Fisher Palai a re ba lebogela molaodi gore a bo a tsere matsapa go tla go itsese morafe ka tse di ba amang mo kgaolong le go tsisa maphata go tla go ikarabela.

A re bogologolo ba ne ba itse molaodi e le wa manyalo fela mme ba leboga puso go bo ba kgona go nna le molaodi ba lekodisanya ka tse di amang matshelo a bone ka setshaba se nna le nako ya go lelela mo bagolong.

O supile fa ba SHHA ba ngongorega ka ba ba sa buseng madi a kadimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 16 Oct 2017