Seretse o lekodisa banni ka tsa Palamente e e fetileng
16 Oct 2017
Tona wa peeletso, papadi le madirelo e bile e le mopalamente wa Mmopane/Lentsweletau, Rre Vincent Seretse a re palamente e e sa tswang go feta e fetisitse melao kakanyetso e le metlhano mme mongwe wa melawana eo e le o o tlaa bong o itebagantse le go laola tiriso botlhaswa ya maranyane a inthanete.
Rre Seretse o buile jaana bosheng fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Lentsweletau. A re e re ntswa maranyane a inthanete a tsile ka ditlhabololo tse dintle, go na le bangwe ba ba ipoleletseng gore ba ya go a dirisa botlhaswa.
A re bangwe ba batho bao, ba dirisa maranyane a go kgokgontsha ba bangwe, ba ba roga le gone go a dirisetsa bogodu, ka jalo molawana oo o tsile go itebaganya le botlhoka tsebe jo.
Fa a nankola melawana e mengwe e mesha, o kaile fa molao o o ntseng o le teng wa kananyo ya lefatshe le one o baakantswe go letlelela banyalani go ka fetolela lefatshe mo go yo mongwe go se na tuelo epe.
Tona a re go lemosegile gore fa mongwe wa banyalani a tlhokafetse setsha se ne se kwadilwe mo maineng a gagwe, fa yo o setseng a re o fetolela setsha seo mo maineng a gagwe molao o ne o mo pateletsa gore a kgethisiwe ntswa e le batho ba bangwefela go ya ka molao wa lenyalo.
O tlhalositse fa go lemogilwe gore ba ba neng ba kwala molao oo, ba tlodisitse selo seo matlho. A re jaanong ka molao o mosha, se se tlhokafalang e tlaa bo e le go baya setempe fela go sa duelwe sepe.
O tlhalosa gore molao wa bojalwa o o neng o itebagantse le gore dibara ga di atumalane le dikole le dikereke, o ya go tlhabololwa go bona gore ga o kgoreletse ba ba mo kgwebong.
Fa a rola tekodiso ya motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Thebe Teemane o ne a ngongoregela kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa mo go bakang tshenyo le kgaogo ya metsi.
A re ba kopile gore go nne le jeneratara ya makatadimetshe go tila seemo seo ka gore didiba tse di nosa metse e le merataro.
Modulasetilo o ne a kaya fa ba tshwenngwa gape ke sekiti sa matlakala se a reng se beilwe fa gare ga motse, ka jalo ba kopa gore ba lephata la kabo ditsha ba senke setsha se sele ka gore fa matlakala a tshubiwa mosi wa teng ga o a siamela botsogo jwa batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : LENTSWELETAU
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 16 Oct 2017






