Breaking News

Banni ba lela ka bogodu jwa leruo

16 Oct 2017

Banni ba Digawana le Lejwana ba kopile puso go gagamatsa melao ya leruo ka bogodi jwa teng mo kgaolong bo dule mo taolong.

Ba boile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente, Rre Alfred Madigele.

Kgosi Neo Letlhare o tlhalositse fa bogodu jwa leruo bo sa ba jese diwelang.

O tlhalositse fa ba sa bone kagiso, mme ba itumelela gore molao-motheo wa bogodu jwa leruo o a sekasekwa.

Banni ba metse e ba boile ba sa gadime kwa morago gore ba eletsa gore makgotla a Setswana e nne one a a sekang ditsheko tsa bogodu jwa leruo.

Ba tlhalositse fa dikgang tse di le bokete fa di le kwa ofising e kgolo ya ditsheko.

Ba tlhalositse fa ba sa kgone go ipuelelela sentle ka babueledi ba ba gatelela.

Ba tlhalositse fa mebala ya dikgomo le tsamaiso ya leruo e tlhaloganngwa thata ke lekgotla la Setswana.

Mo go tse dingwe ba tlhalositse fa ba eletsa gore go busediwe thupa, ba tlhalosa gore bogologolo magodu a leruo ba ne ba alafiwa ke thupa ya moretlwa.

Ba tlhalositse gape gore babelaelwa gore ba emele tsheko kwa ntle ga se a siama.

Ba tlhalositse fa go emela tsheko kwa ntle go dira gore ba ba senyeditsweng ba tshelele mo letshogong.

Ba tlhalositse gape gore seemo sa metsi mo kgaolong se tsaya nako go tokafala, ba tlhalosa fa batho ba nna fela ba le mo lebelong la go kopa metsi mo metseng e e mabapi.

E rile a araba, mopalamente a tlhalosa fa ba tlhaloganya seemo, mme ba tshwere ka thata le lephata la metsi go leka go thusa.

O tlhalositse fa puso e bone go tshwanela go adima madi kwa bankeng ya mafatshe, e le gone go atolosa metsi mo dikgaolong tse.

Tona Madigele o tlhalositse fa tsela ya Gathwane/ Goodhope le yone e le gaufi le go dirwa mme se se tlaa thusa go fefosa ditlhabololo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : DIGAWANA

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 16 Oct 2017