Breaking News

Thuto e tshwanetse go nna boikarabelo jwa batho botlhe

16 Oct 2017

Thuto ke boikarabelo jwa botlhe; bana, batsadi, bogogi jwa motse ga mmogo le dikomiti tsa motse.

Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa thuto kwa kgaolo ya Legare, Rre Elijah Motlhabi kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se sebotlana sa Kgamane kwa Shoshong bosheng.

Rre Motlhabi a re go botlhokwa go tshwaraganela thuto ya ngwana gore maduo e nne a a nametsang, ka jalo mongwe le mongwe o nale seabe fela se segolo.

A re nako e fitlhile gore batsadi ba seka ba baya fela mo barutabaneng mme ba tshwanetse go tsenya letsogo gammogo le bogogi jwa motse.

O tlhalositse fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di tshwanetse go tsenya letsogo go bona gore dikole tsa metse di dira jang, a tlatsa ka gore tiro ya bone fa se go tlhabolola motse fela mme ba tshwanetse go bona gore sengwe le sengwe se tsamaya ka thelelo gore ban ne le motlhala yo o bonalang.

Rre Motlhabi a re dikomiti tse, di tshwanetse go bereka gape le dikomiti tsa batsadi le barutabana go bona gore go diragalang mo dikoleng.

O ne a tlhalosa gore go na le komiti ya lefatshe lotlhe ya batsadi le barutabana e e kopanang ngwaga le ngwaga go bona gore tsamaiso ya dikole e ntse jang e bile e ka tokafatswa jang.

O ne a kopa gape dikompone le dikereke go ema ka dinao go bona gore thuto ya bana e a tokafala a tlhalosa gore puso e ka se kgone e le nosi.

A re baithuti ba pele le bone ba tshwanetse go nna le seabe mo thutong ya bomonnaabone bone go bona gore bat le ba kgone go tsaya malebele mo go bone.

Fa a itibaganya le baithuti, Rre Motlhabi o ne a kopa bana go tsaya thuto ka tlhoafalo el go bona gore a mme thuto e ba e rutiwang k eke yne sentle mme ban ne le seabe ka fa ba batlang go rutiwa ka teng.

Le fa go ntse jalo, o ne a ba gakolola gore maitseo namane ya moroba, a re ban aba malatsing a maitseo a bone a a tlhaela k aba inaakantse le nnotagi ga mmogo le diritibatsi ba sale bannye.

Rre Motlhabi o ne a ba kopa go ikgapha mo dilong tseo ka ba sale bannye mme ba itebaganye le thuto ya bone gore ba kgone go ipetlela isago e e siameng.

O ne a kgothatsa gape le barutabana gore e re le ntswa ba berekela mo dikgwetlhong tse di bokete di tshwana le letlhoko la boroko, didirisiwa gammogo le go tlhoka fa ba rutelang teng, ba itshoke ka puso le yone e dira ka gotlhe go bona gore tshotlhe di apara tshiamo.

Rre Motlhabi o ne a kgothatsa gape le batsadi gore dikole tsa ditiro tsa diatla di teng mo lefatsheng, mme fa ngwana a sa kgone dithuto tse dingwe mme a kgona tsa tiro ya diatla ba seka ba mo akgela matsogo mme bam o rotloetse go di sala morago.

A re nako e tsile jaanong ya gore bana ba rotloediwe gore dikole tsa ditiro tsa diatla di teng mme e bile ba kgona go ya kwa go tsone, a tlatsa ka gore ba seka ba kgobiwa mme ba rotloediwe ka gongwe b aka tswelela ba felele ba tlhametse ba bangwe ditiro mo dikgwebong tsa bone.

E rile a tswa la gagwe, mogokgo Mme Agnes Makwati a tlhalosa fa moono wa letsatsi e le go lemoga go dira ka thata, go ititaya ka thupana le maduo a mantle a ban aba sekole sa bone.
Mme Makwati a re moletlo o ba o diretse gape le go rotloetsa le go lebogela maduo a mantle a sekole sa Kgamane.

O ne a tlhalosa fa sekole sa bone se tsweletse ka go dira ka thata ngwaga le ngwaga mo maduong a bone, a tlatsa ka gore le mo metshamekong le mabelo ba dira ka botswa pelo ka e bile ba tlhola ba felela ba ile kwa dikgaisanong tsa kgaolo.

Le ene fela jalo o ne a kopa batsadi gore ka go twe kgetsi ya stie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, ba eme ka dinao go ba thusa go bona gore maduo a bana ke a a eletsegang.

O ne a tlhalosa gape gore e re le ntswa ba leka ka gotlhe e le barutabana, ba na le dikgwetlho tse dintsi di akaretsa letlhoko la boroko, letlhoko la ofisi a tlatsa ka gore ba dirisa kamoro e e banyanag dithoto, letlhoko la matlwana a boitapoloso gammogo le matlo a borutelo a a agilweng ka mmu a jaanong a jewang ke motlhwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Kabo dimpho

Date : 16 Oct 2017