Banni ba Xere ba lela ka lenyora la leruo
16 Oct 2017
Banni ba Xere kwa kgaolong ya Boteti ba lela ka lenyora la leruo, seemo se ba reng se kgoreletsa maiteko a puso a go ba ntsha mo le humeng.
Banni ba ntshitse selelo se sa bone kwa phuthegong ya mopalamente wa Boteti Bophirima, Rre Slumber Tsogwane e a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng.
Banni ba re ga ba na kwa ba nosang teng, seemo se ba reng se ba tlhobogantse le koporase ya metsi ka ba patelesega go nosa leruo metsi a a nowang ke morafe.
Ba re seemo se se maswe ka gore nako e nngwe le one a a nowang ke batho a a bo a se yo, ba tlhalosa gore leruo le a swa fa lengwe le ile le naga.
E rile a bega pego ya VDC mothusa modulasitilo wa komiti wa motse oo, Mme Bofefo Kefeletswe a lebogela matlo a a agetsweng batlhoki, matlwana a boitiketso le barutabana ba sennela ruri.
Mme Kefeletse o supile fa ba sale ba solofeditswe go fiwa polose mme go twe kgang ya teng e isitswe kwa Serowe nako kgolo ke eno.
O ne gape a re ba kopa go direlwa ditsela tse di fa gare ga motse. E rile a ba kgwa dikgaba, Tona Tsogwane a tlhalosa fa kgang ya metsi a leruo e santse e tshwerwe kwa khanseleng.
O ne a ba kgothatsa go rotloetsa bana go tsena sekole, le batsadi go ikgapha mo nnotaging ka gore ke yone e ba itsang go tswelela.
E rile a tlhalosa ka kgang ya metsi mogolwane wa WUC Rre Motli Segale a tlhalosa gore ba file khansele sediba gore ba se gokele se nose leruo la Xere.
Rre Segale a re ga se gore ba gana banni ba nosa leruo metsi a a nowang ke morafe, mathata metsi ke one a tlhaelang.
E rile a leboga mokhanselara wa Xere, Rre Aron Angleton a re maduo a sekole a ntse a le kwa tlase ,a re bagolwane ba sekole ba mo solofeditswe gore ba tlaa dira ka natla go a tokafata. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 16 Oct 2017






