Maele o kgala dipolaano
16 Oct 2017
Mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele o kgadile dipolaano tsa batho tse di diragalang mo kgaolong ya gagwe.
Fa a buisa diphuthego kwa metseng ya Lerala, Majwaneng le Ratholo, Rre Maele o ne a re o tshwenyegile thata ka dipolaano tse di tsweletseng ka go diragala mo kgaolong ya gagwe, segolo jang tsa baratani.
A re dipolaano tse gantsi di bakwa ke borre, a kopa borre go laola maikutlo a bone.
A re ope ga a a tshwanela go gapela yo mongwe botshelo fa lorato le fela, a tlhalosa ka gore go botlhokwa go laola maikutlo.
Rre Maele a re batsadi bangwe ba nna ka letshogo ba tshaba go bolawa, a tlhalosa fa bangwe batsadi ba setse ba bolailwe le bana ba bone.
O kopile batsadi go itsese mapodisi ka bofefo fa go na le mongwe yo o botlhabetsi mo matshelong a bone, a re ke molato go tshosetsa motho yo mongwe gore o tlaa mmolaya.
Rre Maele a re puso e fetotse molao gore Omang wa ba ba tlhokafetseng a busediwe kwa diofising tsa Omang.
A re go itemogetswe gore go na le batho ba ba dirisang bo Omang ba baswi go dira borukutlhi, a tlhalosa gore molao o tlama gore bo omang ba baswi ba busediwe ko diofising tsa omang.
A re fa go na le sepe se se amang moswi, go dirisiwa setlankana sa leso.
Mo go tse dingwe, a re puso e okeditse dituelo tsa bodiredi jo bo berekelang mo makalaneng ka go farologana, mme a tlhalosa fa dituelo tsa badisa e le P700.
A re ba ba thapilweng mo malwapeng ba tlaa duelwa P3.21 ka oura.
A re se ga se reye gore bahiri ba seka ba duela go feta seelo se, a re molao ga o letle gore bahiri ba duele ko tlase ga seelo se se beilweng.
Le fa go ntse jalo, banni ba metse e meraro e ga ba a itumelela dikokeletso tse ba re di kwa tlase, bogolo jang tsa babereki ba mo malwapeng.
Barui le bone ba re dituelo tse disha tsa badisa di kwa godimo, ka gore ba rekela badisa dijo ntswa ba ba duela.
Fa a ba fetola, Rre Maele a re puso ga e tlame ope yo o hirileng badisa gore a ba rekele dijo mme hela ga e letle gore badisa ba duelwe kwa tlase ga P700.
A re go rekela modisa dijo e a bo ele go dira setho.
A re babereki ba mo malwapeng bone ba tlhola kwa tirong mme ba fiwa dijo le boroko fa ba berekelang teng.
A re babereki ba bangwe ga ba fiwe dipe tsa dilo tseo, ka jalo dikokeletso tsa bone di fa godimo ga tsa babereki ba mo malwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : LERALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Oct 2017






