A mananeo a dirisiwe ka kelelelo - Goya
12 Oct 2017
Balemi ba masimo a Lemonemo mo kgaolong ya Palapye ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso ka kelelelo gore a ba solegele molemo mo go tlhabololeng temo-thuo le go ntsha dijo.
Seo se builwe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Moiseraele Goya fa ane a buisana le balemi bosheng.
Rre Goya a re puso e ntsha dithuso tsa mefuta e e farologanyeng go thusa balemi-barui, mme bangwe ga ba di dirisi sentle.
A re go abelwa dipeo, menontshane le gone go lemelwa ditema tse tlhano ke maiteko a puso go ba thusa, mme go lemosegile gore bangwe morago ga temo ba tlogela masimo, fa bangwe ba rekisa dipeo le menontshane eo.
A re puso e dirisa didikadike tsa madi go reka dithoto kwa ntle go balelwa le dijo, ke sone se puso e emeng ka dinao go thusa balemi go ntsha dijo le gone go ba rotloetsa go lema ka ditselana.
A re fa go lemilwe sentle, ekere e solofetswe go ntsha dikgetsi tsa thobo di le lesome le botlhano, tse e reng fa di rekisiwa di buse P6 700 kana go feta, go tswa fela gore ke thobo ya eng. O ne a ba akgolela go dirisa Ipelegeng ka botswapelo gore e ba tswele mosola.
A re fela jaaka ba remile tsela le go agelela letamo, ba ka le dirisa go epa letamo. O ne gape a re theko ya dihutshane le yone e okeditswe ditlhatlhwa a re a bainaakanye le yone segolo jang banana.
A re o tlhaloganya gore madi a dituelo tsa temo a a diega mme a re seo se bakwa ke go fela ga madi a temo ka bonako, go bo go emelwe kabo madi. Mopalamente a re mosele wa pula o epiwa go sale gale, a tlhalosa fa letsema le boloditswe ba tshwanelwe ke go baakanya megoma.
O ne gape a gakolola balemi-barui go aga matlwana a boitiketso go babalela leruo lmo go tsenweng ke bolwetse jwa mabele. O ne a bua gape ka tlhaelo ya didirisiwa tsa thuto mo megokgo le batsadi ba felelang ba itlama go reka dingwe tsa tsone jaaka metshine e e ntsifatsang dipanmpiri le gone go kgobokanyetsa meletlo ya ipelelo maduo madi.
A re fela se ba sa se beeng sebete ke mo bana ba busediwang malwapeng fa ba sa ntsha madi ao ka e se thulaganyo ya lephata e le tumalano ya megokgo le diPTA.
O ne a supa fa puso e tshwere ka natla go tla ka methale ya go tokafatsa thuto.
Rre Goya a re go ya go simolodisiwa dithuto tsa di A- level, le go tlhatlhobela Setswana, Sekgoa, dipalo le borenyana.
Balemi ba ne ba lebogela ditiro tsa Ipelegeng, mme ba ngongorega ka tshenyo ya dikgomo mo masimo ka nako tsa temo le gone gore bana ba ba utswela leruo, segolo jang ditonki.
Ba ne gape ba akgola puso ka go thusa ka dipeo ba re ba dikile ba robile, mme ba kopa gore madi a diterata a duelwe ka go kgaoganngwa ka bontsi jwa balemi ba sa bereke ba itshetsa fela ka yone temo.
Ba ne ba re ba lemela moragong ka ba tlhaelelwe ke ditshukudu tsa temo.
Maphata a puso a ne a lekodisa balemi ka mananeo a teratelelo magola ka ditlhopha, go begela mapodisi tse ba di belaelang nako e sale teng, go phepafatsa mafelo a ba nnang mo go one go kganela bolwetse jwa letshoroma, le yone ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba e e tlaa simologang ngwaga o o tlang.
Ba thuto ba ne ba supa fa ba ne ba buisana le megokgo ka go tsaya ditshwetso tse di ka ba tsenyang mo mathateng jaaka go busetsa bana madi a dikoleke tsa ditiro tsa sekole, ba re seo ga se ka fa molaong wa thuto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : LEMONE
Event : Kgotla meeting
Date : 12 Oct 2017






