Breaking News

Ipetleleng bokamoso jo bo siameng

10 Oct 2017

Mogwebi yo o tumileng mo Tsabong mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Tshipietsile Mothelesi o kgothaditse baithuti ba sekole se segolwane sa Tapologo mo Werda go dira ka natla mo dithutong tsa bone ka seo se ka ba thusa go ipetlela bokamoso jo bo siameng. 

O buile jaana mo letsatsing ka kabo dietsele la ngwaga le ngwaga ka maikaelelo a go rotloetsa le go tiisa moko baithuti ba sekole seo go tswelela ba tokafatsa maduo mo dithutong tsa bone. 

Rre Mothelesi o boleletse baithuti bao gore bogologolo ka nako ya bone, morago ga go dira sentle mo lokwalong lwa bosupa bana ba ba tswang mo kgaolong ya Kgalagadi ba ne ba amogelwa kgakala kwa dikolong tsa St Joseph’s College, Moeding, Kgari Sechele le tse dingwe go tsweledisa mophato wa ntlha go ema ka wa botlhano.

 A re morago ga dikopo tsa morafe le boeteledipele, puso e ne ya leka ka bojotlhe go atametsa dikole tseo mo kgaolong mme a re seo ke sebaka mo go bone gore ba ntshe ga tshwene, a kaya fa didirisiwa tsa thuto mo nakong ya gompieno di le teng tse di nametsang fa go tshwantshanngwa le mo nakong e e fetileng. 

Rre Mothelesi, yo e leng sekao sa go itirela botshelo, o ne a bolelela baithuti gore ba seka ba iphora ka go lebelela dithoto tsa batsadi ba bone mme ba itome molomo wa tlase ka go le mo maruding a bone go itlhophela gore ba tshele botshelo jo bo ntseng jang mo isagong. 

O ne a tlatsa ka go supa fa mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go ja mofufutso wa phatlha ya gagwe. 

O kaile fa e le bone baeteledipele le bagogi ba lefatshe leno ba ka moso, ka jalo ba tshwanelwa ke go itsetsepela thata ka thuto ka e le yone le lesedi mme a ba gakolola gape gore ba tlhokana le gore e bo e le batho ba ba nonofileng ebile ba rutegile. 

Rre Mothelesi yo e kileng ya nna mokhanselara wa Tsabong Bokone o ne a gwetlha batsadi le barutabana go tshwaragana ba le seopo sengwe le gone go tsosolosa komiti ya batsadi le barutabana le gone go ema baithuti nokeng le go ba gakolola go tlhwaafalela dithuto tsa bone gore ba tle ba kgone go dira sentle mo dithutong tsa bone. 

O ne a rotloetsa sekole seo ka P1 000 go a dirisa mo tokofatsong maduo a baithuti. 

Mo mafokong a gagwe, mogokgo Mme Pinkie Kabelo o ne a kaya fa baithuti ba ba amogwetsweng ba le 636, barutabana ba le 48 mme ba sa jesiwe diwelang ke maduo a sekolo seo a a sa itumedise gotlhelele a kaya fa ngogola a ne a le kwa tlase ka masome a le mane le botlhano mo lekgolong. 

Mme Kabelo o ne a kaya fa e le barutabana ba dira ka gotlhe go tlhomamisa gore maduo ao a a tokafala ka go oketsa dinako tse go rutwang ka tsone le gone go kgalemela seemo sa nnotagi le boimana tse di kgonang go runya mo sekoleng seo. 

A re gape ba leka go tshwaraganya maloko a PTA a a supileng fa a sa bereke sentle ka e le one barutabana le batsadi ba ka kgonang go buisana le go tswa ka ditharabololo le dikgakololo mabapi le tokafatso maduo mo sekoleng seo. 

Mo mafokong a gagwe a Tebogo, kgosana Mme Meisi Kamanga o ne a kopa baithuti go itsolopaganya ka go dira go tlala ka diatla go tlhomaisa gore maduo a sekolo seo a a fetoga go nna a a itumedisang mo ngwageng ono go tswelal ba dira sentle go ya pele. 

Mme Kamanga o ne a akgola botlhe ba ba abetsweng dietsele go tswelela ba tshwara ka thata mo dithutong tsa bone, a bo a kgothatsa ba ba sa amogelang go ithuta thata gore le bone e nne bafenyi mo nakong e e tlang. 

O ne a tlatsa ka go leboga barotloetsi botlhe ba ba thusitseng ka dimpho gore letsatsi leo le atlege. 

Baithuti ba ba dirileng sentle mo go kgatlhisang mo dithutong tsa bone ba ne ba ne ba tiisiwa moko ka go abelwa ditlankana, madi, dikopi le dimpho ka go farologana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : Kabo dietsele

Date : 10 Oct 2017