Kebonang o kgothatsa bana go fenya ditlhatlhobo tsa makgaolakgang
08 Oct 2017
Tona wa di-tswa mmung kgotetso le boranyane jo bosa kgotleleng tikogolo ebile e le mopalamente wa Lobatse, Advocate Sadique Kebonang o kgothaditse baithuti go dira go feta jaaka ba tlabo ba kwala ditlhatlhobo tsa bone mme ba bone maduo a a nametsang.
Advocate Kebonang o dirile kgothatso ka Labotlhano kwa sekolong sa Ipelegeng, jaaka go go tshwerwe letsatsi la moletlo wa kabo dimpho.
Tona Kebonang a re jaaka baithuti batla bakwala ditlhatlhobo jaana ba tsweledisa botshelo a tlatsa ka gore se phelelo ya botshelo atlatsa ka gore baseka ba itlhoboga se se botlhokwa ke go nna baiteka thata gore bagogoge mo dielong tse ba di batlang.
A re go a swabisa go bo batsadi ba sa tsena moletlo ka dipalo tse di nametsang a bo atlatsa ka gore thuto ya ngwana e tshwanetse go tshwaraganelwa ke batsadi barutabana le bone baithuti , ka gore ga barutabana ba felelang teng batsadi batswanetse go tsweledisa kwa malwapeng.
Tona Kebonang o kopile batsadi go tlhola gore bana badira ja kwa sekolong le tiro ya bone, go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana, ka tsholofelo ya go nna bontlha bongwe mo thutong ya bana.
O bolela gore ditiro ga dio lefatshe ka bophara mme a rotloetsa baithuti go ikemela ka dinao gore bakgone go fenya ditlhatlhobo tsa bone.
Mo go tse dingwe o boleletse baithuti gore ga gona ope yo o tshotsweng ale botlhale kana ase botlhale, kana ope yo o pasang a sa bale dibuka a ba rotletse go ikanya dibuka tsa bone le go kopa thuso jaaka ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo a re se ka dira pharologanyo e tona mo maduong.
Tona Kebonang o gakolotse baithuti gore thuto e batla baitseela boikarabelo ka bongwe ka bongwe, atlatsa ka gore tsotlhe tse dikwalwang ke tse ba di rutilweng, gape ba dibadile a ba rotloetsa go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwafalo.
O bolela gore ga gona jaaka o ka nna se o batlang go se nna ka wa bereka tiro e o e batlang o sa tsena sekolo, go fenya ditlhatlhobo selotlo sa botshelo go kwa pele
Avocate Kebonang o supile gore dritibatsi le nnotagi ditlhakatlhakanya botshelo jwa motho le fa a rutegile a ba rotloetsa go ikgapha mo go tsone.
Tona Kebonang supile a lemoga tiro e tona ee dirwang ke barutabana, a re bontsi jwa sebaka ba bonwa basa dire tiro ga maduo a tswa , batsadi ba basupe ka menwana ntswa ba gana go tsaya karolo mo thutong ya bana.
Barutabana ba dikolo tse pedi go akaretsa Pitikwe le Ipelegeng ba lemogilwe ka go abelwa madi a kanang ka dikete tse tlhano tsa dipula sengwe le sengwe.ENDS
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : letsatsi la moletlo wa kabo dimpho
Date : 08 Oct 2017






