Pina ya setshaba e a tlotlwa
08 Oct 2017
Mothusa kgosi kwa lekgotleng la Peleng mo Lobatse Mme Tshegofatso Setumo a re go a gakgamatsa go bona pina ya setshaba e sa fiwe tlotla e e e tshwanetseng.
Ka jalo o gakolotse ba-na-le seabe botlhe ba rute ka botlhokwa jwa go tlotla pina ya setshaba.
Kgosi Setumo o buile mafoko ao mo mafokong a gagwe a kamogelo mo Lobatse jaaka ba lephata la go fa banana dithata metshameko le ngwao ba ne ba tshwere dikgaisanyo tsa metshameko ya kgaolo ka go farologana tsa kgaolo ya borwa.
A re pina ya setshaba ga e fiwe tlotla e e tshwanetseng, jalo a kgothatsa gore botlhe batho ba itshekatsheke ba tseye pina ya setshaba ka tlhoafalo ba e efe tlotla e e tshwanetseng.
E rile a ema mogolwane wa lephata la go neela banana dithata, metshameko le ngwao Mme Malebogo Mosala a bolela gore metshameko e ke lengwe la mananeo aga Tautona, go lebagana le matlhoki a banana jaaka go tlhoka ditiro, go bantsha mo go inaakanyeng le nnotagi, go ba itsa go tsena mo ditirong tsa botlhoka tsebe tse di ka ba tsenyang mo dipharagobeng jaaka boimana jo bo sa ipaakanyediwang le tse dingwe.
Mme Mosala o tsweletse a re le fa go ntse jalo kgang kgolo ke boitshwaro, a re batshamiki ga ba bereke sentle mo go felelang go nna le ditsheko, atlatsa ka gore ba tshwanetse go itse gore lenaneo le leraya eng mo go bone.
Mo go tse dingwe Mme Mosala a re lenaneo, le dira gore batshamiki ba ithekise ka bokgoni le ditalente tsa bone mo ba ka felelang ba itshetsa, gape le go ntsha dikgeleke tse di ka aging dikolo go aga batshamiki ba ba farolganeng.
O tsweletse a bolela gore ga a itumedisiwe ke kafa batshamiki ba kgaolo ya borwa badirang ka teng a re bakwa tlase fela thata gape bakwa morago a ba rotloetsa go itharabologelwa mme ba tlhabolole ditalente tsa bone.
Mme Lame Hetanang, yo e neng e le motshamiki wa karate, gape e le monana wa Lobatse o kgothaditse batshamiki gore gore bafitlhele ditoro tsa bone go batla maitlamo, lerato mo go se base dirang mme tse tsotlhe ditlhoka gore motho abo ana le boitshwaro, jo bo amogelesegang, o ka ratwa wa tlotlwa ke batho botlhe ga o le maitseo.
A re mokatisi le ene o ya go lemoga mme a go neele tsotlhe tse o ditlhokang, a tlatsa ka go re ga go na jaaka o ka ja monate o sa o fufulela.
Mme Hetanang go filwe tlotla ya motshamiki wa mme wa ngwaga wa 2016-2017, a gapa gape ya mme yo dirang bontle mo Afrika, a nna maemo a masome a mararo le borataro lefatshe ka bophara.
E rile a ema Rre Mogotsakgotla Sebopelo a bolela gore botlhokatsebe jo bo ka kgoreletsang metshameko e ke dikgotlhang gareng ga batshamiki a tlatsa ka go re ba tshwanetse go itse gore ba tletse ene mo metshamekong e. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : dikgaisanyo tsa metshameko
Date : 08 Oct 2017






