Breaking News

A re somarele dintlenyane tsa ngwao

08 Oct 2017

Kgosi Kgari Sechele III o gakolotse Bangwato go tlhomamisa gore ditsamaiso tse di bopang ngwao di seka tsa senngwa ke ditsamaiso tse disha.

Kgosi Kgari III o buile jaana kwa moketeng wa go ikgakolola ka ngwao ya ga Mmangwato, o o neng o tsamaisiwa ke makgatlho wa Malata Ngwao.

“Re seka ra letlelela ngwao e tlhakatlhakana, re tshwanetse go tlhomamisa gore re tswelela ka go bopa ngwao, fa go nna le diphetogo, e be e le tse re lemogang gore di tlhabolola ngwao, ga di e senye,” a supa.

O supile fa ngwao e raya mekgwa ya batho, maitsholo a bone, ditsamaiso tse ba tshelang ka tsone, gore ba tshele mmogo ka tsela e ba e eletsang, tsamaiso ya botsetsi,  tsa manyalo, tsa leso, mmino, poko, le go opela, di re kaya gore re bomang re tshela jang, ngwao ya rona ke eng,  

“Ditsamaiso tse, fa re di soboka ke dilo tse di bopang ngwao, di re kaya gore re bomang, re tshela jang gwao ya rona ke eng,” a supa.

O supile fa go tshela mmogo le go nyalana go thusa gore Batswana ba tshele mmogo, ba itse dipharologanyo tsa ba bangwe, a supa fa se sele molemo e bile se tshwanetse go rotloediwa, le go di godisiwa.

Kgosi o gakolotse fa go na le dilo dingwe, mo malatsing a gompieno tse go tshelwang ka tsone, e bile di tlhabolola matshelo a batho, tse di akaretsang mesokela-tsebeng le dikapa-ditswantsho, a supa fa di siame, mme di le borai fa di sa dirisiwe sentle.

“Fa re sa e le tlhoko dilo tse di tlaa senya ngwao ya rona.

Didirisiwa tse di kgona go nna borai fa bana ba rona ba lebelela dingwao tsa mafatshe a mangwe mo go tsone, a bo di felela di ba kgatla, jalo ba felelela ba sa rate dithulaganyo dingwe tse di tlhamaletseng tsa Setswana,” a supa.

O kopile batsadi gore ba simolole go ela tlhoko gore bana ba dirisa didirisiwa tsa maranyane jang gore ba seka ba thanya lo le tsebeng.

“Fa re ela bana tlhoko, re sa ba katoge, re kgona go lemoga ka bonako, go fetola mekgwa e,” a tlhalosa.

A re ka tiriso ya maranyane a, bana ba kgona go tsaya dikgang le batho ba ba sa ba itseng, dirukutlhi, kgotsa batho ba ba nang le mekgwa e e maswe, a supa fa e bile ba kgona go okwa ke ba bangwe mo ditumelong tse di sa siamang.

“Dikgwetlho tse, re le batsadi, di batla gore re simolole go ela bana tlhoko, re kgaleme, ka di ka senya ngwao,” a supa.

O tlhalositse fa Botswana e lemogile fa thupa ele sekai sengwe se se supang fa ngwao ya batho fa ba e itirela, e le susupo sa gore e tsamaelana le ditumelo tsa bone.

O kgothaditse a bo a gakolola ba Mokgatlho wa Malata Ngwao go tlhomamisa gore ba tswelela ba tsaya malebela mo go ba bangwe ba ba simolotseng tiro ya go nna jaana pele ga bone.

“Ke le eleletsa gore le gole, Modimo a le segofatse, le atlege mo maikaelelong a lona,” a supa.

Fa a amogela baeng, mothusa kgosi, Kgosi Serogola Seretse, o ne a leboga mokgatlho wa Malata Ngwao gore abo ba ithulagantse, ba batla go itse, le go tsosa ngwao.

“Go tlotlana le boitsholo ke mekgwa mengwe e e dibelang ngwao ya rona.

Go monate go tlotlana, jalo ke rata go le kgothatsa gore le tswelele, le tshegetse ngwao,” a supa.

Kgosi Seretse o supile fa mokgatlho wa Matsosa Ngwao, e le sekao se sentle, a supa fa a ipela ka bone, ka ntlha ya gore ba nna ba le teng mo medirong mengwe le mengwe, e dirwang kwa kgotleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : SEROWE

Event : mokete wa go ikgakolola ka ngwao ya ga Mmangwato

Date : 08 Oct 2017