Pilediwa e a lwelwa - Kgosi Modiro
05 Oct 2017
Kgosi wa Zoroga mo kgaolong-potlana ya Tutume, Kgosi Thomas Modiro o supile fa a tshwenyegile ka palo e e boutsana e banni ba motse wa gagwe ba tlang diphutlhegong ka yone.
A re gantsi ba tla diphuthegong fa ba le mo Ipelegeng fela.
O buile jaana mo potsolotsong le BOPA bosheng.
Kgosi Modiro a re le maloko a dikomiti tsa motse ga a tsenelele diphuthegong mme e le bangwe ba bogogi jwa motse, ka jalo se se dire gore ba salele morago ka mananeo le ditirelo tsa puso di gorogela mo kgotleng.
“Puso e leka ka thata gore e thuse batho mme ga ba batle go amogela seo.
Go ne ga tla difomo tsa dikgaisanyo tsa mabelo a banana mo kgotleng mme banana ga ba a ka ba tla pitsong eo ka nako go fitlhelela di fetwa ke malatsi,” go bua Kgosi Modiro.
A re metshameko eo e diretswe banana go ka tlhabolola matshelo a bone le go ba ntsha mo mebileng mme ba ganeletse morago fela gona le go kopantsha puso tseleng.
O supile fa batho ba tla kgotleng fela ka nako ya phiro ya Ipelegeng mme ba fitlhele e le gore ba fetilwe ke ditirelo di le dintsi ka go sa tsenelela diphuthego.
Kgosi Modiro o tlhalosa fa dithuto, ditsamaiso le ditirelo tsa lefatshe di tsewa ka tlhamalalo kwa lekgotleng mme fa batho ba sa tle diphuthegong ga ba na go anywa tseo moro ka ba tla abe ba sa itse sepe ka tsone.
O supile fa majalwa a a rekisiwang pele ga nako mo malwapeng e le one a diang batho go ka dira ditiro tsa boithaopo ka ba akanya fa di ba diela nako.
Kgosi Modiro a re boithaopo bo tsala katlego ka bo ka isa motho golo gongwe mme batho bangwe bone ba akanya gore ke kgokgontsho.
A re maikaelelo a gagwe ke go rotloetsa mowa wa boithaopo mo bathong gore fa go nna le phiro ba lejwe pele e le go rotloetsa boithaopo ka puso le yone e kokonelwa mme batho ba sa batle go itsosa.
O ne a wela ka go rotloetsa banana go tsenelela diphuthego ka nako tsotlhe ka dino tagi di sena tswelelo pele fa e se poelo morago fela.
Fa modulasetilo wa komiti ya boipuso, Rre Otsetswe Monthe a tswa la gagwe, a re morafe o ne o sa tshologela boipuso mo lekgotleng jaaka dingwaga tse di fetileng.
A re boitumelo mo morafeng o o neng o tsile le balalediwa bo ne bo le bontsi fela thata mme se se neng se sa itumedise e ne e le palo e e bohutsana ya setshaba.
A re ga go a nna le sepe sekgoreletsi sa letsatsi le fa e se boitseme le bokoa fela jwa maloko a komiti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : Zoroga
Event : Potsolotso
Date : 05 Oct 2017






