Breaking News

Batswana ba tlhaela kitso ka bolwetse jwa tlhaloganyo

04 Oct 2017

Mooki wa bolwetse jwa tlhaloganyo mo Letlhakane, Rre Joshua Gabaitshenye a re ba lemogile gore Batswana ba santse ba tlhaela kitso ka bolwetse jwa tlhaloganyo.

Rre Gabaitshenye o buile jalo kwa moletlong wa go thibela go ikgapela botshelo o o neng o tshwerwe mo Letlhakane bosheng ka setlhogo se se reng Tsaya Motsotso, Fetola Botshelo.

A re  maikaelelo  a  bone ke go anamisa molaetsa ka botsogo jwa tlhaloganyo le go ikgapela botshelo.

A re dipatlisiso di supa gore batho ba le dikete di le makgolo a a robang bobedi  mo ngwageng  ba ikgapela botshelo  lefatshe ka bophara.

O tlhalositse gape gore batho ba ba ikgapelang botshelo ka bontsi ke ba dingwaga tse di fa gare ga  lesome le botlhano le masome a mane le bone.

Rre Gabaitshenye a re ditiragalo tsa go leka go ikgapela botshelo di diragala gantsi, a tlatsa ka go re 75 per cent ya batho ba ba ikgapelang botshelo ke borre fa bomme bone ba amega thata mo go tsa go leka go dira jalo.

O tlhalositse fa maikaelelo a lekgotla la botsogo la mafatshe (WHO) e le gore ka 2020 dipalo tsa batho ba ba ikgapelang botshelo mo mafatsheng di bo di fokotsegile ka diphesente di le lesome.

A re go ikgapela botshelo go ka rotloediwa ke dilo di le dintsi di araretsa kutlobotlhoko e e feteletseng, go tshaba kgethololo le go itlhoboga.

O ne gape a re bolwetse jwa tlhaloganyo bo mefuta, mme a tlhalosa fa batho ba dumela gore motho fa a na le bolwetse o kaiwa e le setsenwa.

A re seemo se  se dira gore  batho ba ba nang le bolwetse jo ba ikgapele botshelo ka jaana ba a bo ba tshaba kgethololo.

O ne gape a re kgang ya bolwetse jwa tlhaloganyo e tshwanetse  ya tshwaraganelwa ke sechaba le ba botsogo.

A re balwetse ba tlhaloganyo ba na le maikutlo fela jaaka motho mongwe le mongwe ka jalo ba tlhoka go reediwa.

E rile a tlhalosa maikaelelo a moletlo oo, mogolwane wa DHMT, Mme Botho Rampana a re  ke go lemotsha sechaba gore botsogo ga se jwa mmele fela go na le jwa tlhaloganyo.

Mme Rampana a re maikaelelo  a letsatsi leo e ne e le go anamisa kitso ka botsogo jwa tlhaloganyo  ka ba lemogile gore batho ba tlhaela thuto ya go nna jalo.

O ne a kgothatsa setshaba gore fa ba na le mathata ba bue le ba bangwe, ka gore fa motho a sa bue o felela a tsaya ditshweetso a le nosi.

Mothusa kgosi wa Letlhakane, Rre Tikologo Supang a re kgang ya botsogo jwa tlhaloganyo e tshwanetse ya emelwa ka dinao ka gore bontsi  jwa  batho ba amegile  mme  ga ba kgone go batla thuso kwo go ba ba lebaneng.

Kgosi Supang a re seemo se gakadiwa ke gore batho ba tlhaela kitso ka jaana ba santse ba tsaya bolwetse ka tsela e sele.

O belaetse fa gongwe dikgang tse di bakwa ke tiriso e feteletseng ya ditagi, ka jalo o ne a rotloetsa batsadi gore fa ba lemoga diphetogo mo boitsholong jwa bana ba bone ba ba ise kwa kokelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Letsatsi la Go Thibela Go Ikgapela Botshelo

Date : 04 Oct 2017