Ba rotloediwa go tsaya boipuso ka tlhoafalo
04 Oct 2017
Kgosi Merapelo Tshweneyagae wa Hukuntsi o buile a sa kgale mathe ganong ka go neela tshwene marapo ga morafe wa gagwe ka nako ya fa go ipelelwa boipuso jwa monongwaga.
O ba kgadile jaana ka Matlhatso mo kgotleng ka letsatsi le lefatshe leno le ne le ipelela dingwaga tse di masome matlhano le motso, morago ga gore morafe o seka wa iponagatsa kwa kgotleng go tla go tsaya molaetsa wa ga Tautona.
Kgosi Tshweneyagae o supile fa go le botlhokwa go tsenelela ditiro tsa setshaba ka maatlametlo go godisa popagano ya setshaba.
O ne a gatelela gore boipuso ke sekao sa go ipelela kgolo ya tsa merero ya tsamaiso lefatshe ka ntlha ya boeteledipele jo bo nonofileng ka go dira ditogamaano tse di ka thusang go tokafatsa matshelo a setshaba.
Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha morafe go tshwaraganela ditiro tsa setshaba le gone go nna le seabe mo go diragatseng matshego a tebelopele ya setshaba ya 2036 ka jaana di ka thusa go atolosa meamuso ya lefatshe leno le gone go fetola matshelo a setshaba ka kakaretso, go tswa mo lehumeng go tshela botshelo jo bo eletsegang.
O ne a iteela komiti e e neng e baakanyetsa boipuso legofi gore ntswa ba ne ba farafarilwe ke dikgwetlho ba ne ba kgona gore ba tshware moletlo.
Fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa khansele-potlana ya Hukuntsi, Mme Queen Makobo o ne a gwetlha banana go inaakanya le ditiro tsa setshaba mo motseng wa bone go kgona go anywa botsipa mo batsading ka fa ditiro di tsamaisiwang ka teng ka jaana ke bone babusi ba mo isagong.
Fa a afa pego, mogakaganyi wa komiti ya ipapatso, Mme Ivy Mokhopo o kaile fa komiti e ne ya simolodisa dipaakanyo tsa boipuso thari ka jaana go ne go sena bokopano jo bo netameng.
O ne a supa gape gore tiego e ne e bakilwe ke go tlhoka neelano e e lolameng fa gare ga komiti le badirelapuso.
Mme Mokhopo a re ngwaga ono, ba tlhokile lesego la go bona dithuso mo dikhamphaneng tse di ikemetseng ka nosi mme a lebogela madi a P34 000 go tswa kwa go ba khansele.
O ne a supa gape gore monongwaga morafe ga wa kolela ka jaana banni ba dikgotla tsa Magobelelo le Moselebe ba ne ba sena tirisanyo mmogo ba gana go ntsha dikoleke tsa boipuso.
Go ya pele ba kopile dikgosi go ba ema nokeng go rotloetsa morafe go tsenelela bokopano jwa itshekatsheko go thusa go tsosolosa serodumo sa boipuso mo dingwageng tse di tlang.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Hukuntsi, Mme Goratwamang Tlhage, o ne a kopa morafe go nna seopo sengwe mo ngwageng tse di tlang go dira ditiro tsa morafe ka manontlhontlho le gone go godisa serodumo sa motse wa bone.
O ne a gwetlha komiti ya boipuso go tswelela ka go nna pelotelele ntswa ba kopana le dikgwetlho ka jaana ba ka kgona go dira ka natla.
Le fa go le jalo, kwa Kang, Kgosi Basadi Seipone o supile fa boipuso jwa monongwaga bo ne bo se mashetla jaaka jwa ngwaga o o fetileng.
A re tsholofelo e ne e le gore morafe o tswelele ka tshwaragano e ba e supileng mo ngwageng e e fetileng ka jaana boipuso ke letsatsi la go ipelela diphitlhelelo tsa lefatshe ka bophara.
Kgosi Seipone o ne a gatelela gore morafe o tswelele ka go godisa kagiso mo lefatsheng ka jaana ba ka kgona go ipelega e le morafe mme ba kgona go atolosa ditlhabololo mo motseng wa bone go ya kwa ngwageng wa 2036 le go feta.
Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Moreri Bothang o tlhalositse fa komiti e ne ya nna bonya go simolodisa ipaakanyetso boipuso ka nako ka jaana ba ne ba kgaogelwa ke setlhako ka motsotso wa bofelo go ipaakanya.
Rre Bothang a re ba ne ba lebanwe gape ke kgwetlho ya tlhaelo ya didirisiwa le tlhaelo ya madi go tswa kwa morafeng.
A re ba kgonne go kokoanya P7 000 e le dikoleke go tswa mo morafeng mme ka lesego ba bona madi a a ka tshwarang P47 000 go tswa kwa pusong ka jalo ba kgona go tshwaraganya go tsweledisa boipuso.
O ne a supa gape gore ka ntlha ya go simolola thari ga ba a kgona go rulaganyetsa ditiragalo di tshwana le moopelo wa dikhwaere, metshameko ya setswana go ka natefisa letsatsi.
Le ga go le jalo, o ne a re ba ikaeletse gore ngwaga o o tlang, ba tla a simolodisa ipaakanyetso boipuso ka kgwedi ya Seetebosigo.
E re dikgang di eme jalo, kwa motsaneng wa Lokgwabe, Rre Kerakilwe Leshope le ene o supile fa ipaakanyetso boipuso e sa tsamaya ka fa tshwanelong.
A re ba simolotse go le thari ka jalo le bone ba sa kgona go rulaganya ditiragalo tsa go natefisa letsatsi jaaka tlwaelo jaaka mabelo a dipitse le ditonki gammogo le a bagodi.
Rre Leshope a re ba ne ba filwe madi a a ka tshwarang, P10 860 a ba a kgaoganyang dikgotlana tsa bone di supa mo kgotlana nngwe le nngwe e neng ya neelwa P1 550 go ipela.
O ne a supa fa ngwaga e e tlang ba tla ithulaganya gore boipuso bo nne jo bo netameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : Moletlo wa Boipuso
Date : 04 Oct 2017






