Breaking News

Tsayang molaetsa tsia

04 Oct 2017

Kgosi Gokgatlhang Moalosi wa Sankoyo o gwetlhile banni ba Sankoyo go lebogela kgololesego, kagiso le thokgano e e renang mo lefatsheng leno.

O buile jalo ka letsatsi la boipuso a gatelela botlhokwa jwa go leba kwa morago le gone go ipelela tse lefatshe le di kgonneng ka nako tse di thata.

A re go botlhokwa gore banni ba ipele ka jaana le bone ba na le seabe se setona mo ditlhabololong le ditsamaiso tsa lefatshe leno.

Kgosi Moalosi o ne a kopa banni go tsweledisa tema e e segilweng ke baeteledipele, a re ka go dira jalo ba direla bana motheo o le bone ba tlaa ipelang ka one mme ba o tsweledise.

A re ba tshwanetse ba tsaya molaetsa wa ga Tautona ka tlhoafalo ka jaana o supa kwa lefatshe leno le tswang teng go fitlha gompieno, a tlatsa ka go re se molaetsa oo o se kopang mo go bone ba se obamele.

A re o dumela gore mo dingwageng tse di lekgolo lefatshe leno le tlaa bo le godile e bile le tsabakela, ke ka moo go leng botlhokwa gore setshaba se eme baeteledipele nokeng mo go tsamaiseng lefatshe.

A re ditshwetso le mananeo a puso di tsisa tsholofelo e kgolo mo setshabeng ka jaana bangwe matshelo a bone a fetoga.

Mongwe wa mabutswapele a motse oo, Kgosana Sepopo Samakata o ne a nankola ka boripana ditso tsa lefatshe, a supa fa ba ne ba tshelela mo legoeleng pele ga boipuso.

A re botshelo bo ne bo le boima ba tshela ka metsi a didiba le maungo a naga mme a supa fa gompieno dilo di fetogile ka bontsi ka ditlhabololo di bonwa ke mang le mang.

A re se se mo itumedisang le go feta ke gore ka nako tseo tse di thata ga go ise go nne le tshololo ya madi mo lefatsheng go fitlhelela ba tsaya boipuso.

Mongwe wa banana, Rre Olerato Dipuo o ne a gwetlha banana go leba kwa morago le gone go leboga bagolo ba pele go bo ba ba betletse tsela ya botshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : SANKOYO

Event : Boipuso

Date : 04 Oct 2017