Breaking News

A re itshekatshekeng re ipatlisise

04 Oct 2017

Banni ba Mahalapye ba gakolotswe go itshekatsheka le go ipatlisisa gore fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso ba dirileng kgotsa ba diretse lefatshe eng se se molemo.

Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso kwa moletong wa go keteka letsatsi la boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le bongwe mo Mahalapye ka Matlhatso.

Mme Tshireletso yo gape e leng mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae a re fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso go diragetse ditlhabololo tse di ntsi.

A re le fa go ntse jalo ditlhabololo tse e re le ntswa di sena go diragala, e re ba le bantsi ba tshwanelwa ke go diakola jaanong go diragala dilo fela tse di bosula tse di sa eletsegeng.

O tlhalositse fa masula a, a akaretsa bogodu, dipolaano, dithubetso le go iphitisa nnotagi mme tsotlhe tse di dirwa ke banana ba e leng bone ba ka bong ba bona gore ba sireletsa ditlhabololo le kagiso tse di mo lefatsheng.

O ne a ba kopa go itshekatsheka le go ipatlisisa gore a mme ke yone tsela e e siameng e ba tshwanetseng go tshela ka yone, morago ga gore batsadi ba bone gammogo le puso e leka ka bojotlhe gore ba akola tshotlhe tse di molemo fa lefatshe le sale le tsaya boipuso.

A re lefatshe le fetogile ga go sa tlhole go le monate, ntswa jaanong batho ba ka bo ba tshela sentle ba ratana e bile ba dira ka gotlhe go bona gore lefatshe le tswelela le nna le tse dintle go ya kwa pele.

Mme Tshireletso a re batho ba tshelela mo lehumeng, ga ba sa tlhole ba akola thokgamo le kagiso tse di kileng tsa bo di rena mo lefatsheng leno, ba tlogela masimo go nna mo magaeng ka ba boifa go nna teng ka ba tshaba bana ba bone ba ba inaakantseng le go dira dilo tse di sa eletsegeng.

A re fa e le dipolaano tsone di ile magoletsa ka dipalo tse gakgamatsang, a kgothatsa batsadi go ema ka dinao go kgalemela bana kwa malapeng.

A re batsadi ka bontsi ga ba bue le bana, ke sone se lefatshe le fetogileng batho ba tshelela mo letshogong ntswa b aka ne ba tshelela mo kagisong.

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a tlhalosa fa go diragetse dilo tse di ntsi fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso.

Kgosi Segotsi o ne a kopa Batswana, bogolo jang banni ba Mahalapye gore e re le fa puso e dirile dilo tse di ntsi, ba seka ba tloga ba adima tshwene marapo.

O ne a kopa gore nako e tsile jaanong ya gore Batswana ba eme ka dinao ba iteke ba itirele dijo go emisa go ikaega fela mo pusong, a tlatsa ka gore mowa wa boipelego o lefatshe leno le itsegeng ka one o tshwanetse go boela gammogo le temo e ka yone eleng botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe.

A re lefatshe la Botswana le itsege thata ka kagiso, mowa wa boipelego ga mmogo le mowa wa therisanyo, ka jalo a kopa gore a tse tshotlhe tse di boele e sere dingwaga di ntse di tsamaya lefatshe le gola batho bone ba bo ba boela kwa morago.

Le ene o ne a kopa batsadi go ema ka dinao go bona gore ba busetsa bana mo tseleng. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Boipuso

Date : 04 Oct 2017