Breaking News

Ba ga Mmangwato ba kopiwa go tsaya tsatsi la boipuso ka tlhoafalo

02 Oct 2017

Mothusa kgosi wa ga Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse a re ga a itumedisiwe ke go sa tseneleleng moletlo wa boipuso ke morafe mme ba sa dire sepe ba le mo manyalong. 

Kgosi Seretse o buile jaana fa a amogela morafe kwa kgotleng kgolo ya ga Mmangwato kwa Serowe ka letsatsi la boipuso. 

A re o ipotsa gore a e kare lefatshe le gola batho ba bo ba le mo meketeng ya manyalo, mo ba ka bong ba dirile thulaganyo ya letsatsi le sele. 

Kgosi Serogola o kopile morafe go tlotla magosi go bo ba bone go tshwanetse gore letsatsi leo le nne teng ka gore fa ba nyatsa dikgosi ga ba kake ba tsena kwa legodimong. 

Kgosi a re ba tshwanetse go tlotla lefatshe, dikgosi le dikgotla. 

O ba kopile gore ngwaga o o tlang ba tle ka dipalo le gore ba busetse serodumo sa letsatsi la boipuso sa pele. 

Molaodi wa kgaolo ya legare, Mme Berenice Berman-Mosime o ne a bala molaetsa wa boipuso go tswa kwa go Tautona, o o neng o kgothatsa setshaba gore se seka  sa letlelela gore dipharologanyo di se  kgaoganya mme setshaba se batle se se tlaa se tshwaraganyang go isa Botswana le Batswana pele. 

Mokhanselara wa Kgosing, Rre Lesego Raditanka a re o leboga bogosi ka gore kagiso le thokgamo tse di renang mo lefatsheng leno ke fa ba gatileng teng.

A re Batswana ba tshwanetse go leboga Modimo ka gore ba santse ba tshela sentle go sena dintwa jaaka kwa mafatsheng a mangwe kwa go tshelwang ka lobelo bosigo le motshegare.

A re o leboga magosi go bo ba ne ba letlelela sekeresete mo lefatsheng leno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Letsatsi la boipuso

Date : 02 Oct 2017