Maitsholo a a sa siamang a kgotlela boipuso
02 Oct 2017
Mothusa tona wa thuto go tswa moding, Rre Moiseraele Goya a re dinotagi di kgotlela thokgamo le thitibalo ya lefatshe leno.
Fa a bua kwa letsatsing la boipuso kwa kgotleng ya Palapye ka Matlhatso, Rre Goya yo e bileng e le mopalamete wa Palapye a re nnotagi le boitsholo jo bo sa siamamang di ka kgotlela kagiso le thitibalo tse leftshe leno le itsegeng ka tsone.
A re Batswana ba tshwanetse go tshwara boipuso jo ba bo tlogeletsweng ke borraabomogolo ka matsetseleko gore bo seka jwa ba tswa ka diphatlha tsa menwana.
A re bangwe banana ga ba dirise maranyane sentle, ka jalo ba roga bagolo le go sotlaka ba bangwe, selo se a reng se diga seriti e bile se kgotlela boipuso jwa lefatshe leno.
O kopile batsadi ba Palapye go tswa lentswe la kgalemo, go tsenya bana mo tseleng e e siameng.
A re boipuso ga go tewe fela go itse ka fa lefatshe leno le tsereng boipuso ka teng, mme bo raya go tshela ka kgololesego ya mmele, pelo le mowa.
A re tshireletso e lefatshe leno le neng la e kopelwa ke dikgosi tse tharo kwa ga Mmamosadinyana ke yone e tsisitseng kgololesego.
A re konokono ya boipuso e tswa mo boitekanelong jwa batho, a tlatsa ka go re fa Batswana ba itekanetse ba ka kgona go itirela le go tsamaisa lefatshe leno.
A re mewa e e itshekileng ke yone e ka tsisang ditlhabololo mo Botswana.
A re Tebelopele ya 2036 e bua ka go nna le dikhumo mme a tlhalosa fa se se ka kgonega fela fa Batswana ba itekanetse mo mmeleng le mo meweng.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Masego Olebile wa Palapye o ne a lebogela morafe go tla go reetsa molaetsa wa ga Tautona.
A re boipuso jwa monongwaga bo pharologanyo ka gore e le dikgosi le boeteledipele jwa Palapye ba ne ba bona go le botlhokwa gore boipuso bo ye go ketekelwa kwa dikgotlaneng.
A re thulaganyo e ne e le gore go kgobokanelwe kwa kgotleng e tona go tla go reetsa lefoko la Modimo le molaetsa wa ga Tautona mme morago go iwe kwa dikgotlaneng go keteka letsatsi le.
A re palo ya batho ba Palapye e ntsi, ka jalo ke kgwetlho go keteka boipuso kwa kgotleng e tona e le nosi jaaka ka boipuso jwa ngogola.
Mo godimo ga moo, molaodi yo o tsamayang wa Palapye, Rre Enerst Phiri o ne a bala molaetsa wa ga Tautona.
Nngwe ya tse a ileng a di ama ke go rotloetsa Batswana go tswelela ba ipelela ngwao le go ipelafatsa ka dipe fela tse di supang bontle jwa lefatshe leno.
O kopile gore Batswana ba seka ba letla dipharologanyo tsa bone gore di ba kgaoganye, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ba gatele pele ba le seopo sengwe go isa lefatshe leno kwa pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Letsatsi la boipuso
Date : 02 Oct 2017






