Breaking News

Boipuso bo botlhokwa mo matshelong a batho

02 Oct 2017

Tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane o kopile banni ba toropo ya Orapa go itse botlhokwa jwa letsatsi la boipuso. 

O buile jaana ka letsatsi la go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le bongwe, a re go botlhokwa go tshela ka boitumelo, go dira tse di molemo le go sala molao-motheo wa lefatshe leno morago. 

Tona o kgothaditse banni ba Orapa le Batswana ka kakaretso go tswelela ka popagano le go dira ka natla ba itebagantse le go sireletsa ledula le kagiso tse di renang mo tshabeng ya lefatshe leno. 

Tona Tsogwane yo gape e leng mopalamente wa Boteti Bophirima, o supile botlhokwa jwa tebelopele ya setshaba ya 2036, a tlatsa ka go re sepe se se dirwang se tshwanetse sa itebaganya le go tlhabolola matshelo le go nonotsha dipilara tsa tebelopele ya setshaba. 

Rre Tsogwane a re seabe sa Batswana se botlhokwa mo go tswelediseng kagiso le go thusa go tla ka methale e e ka tlhabololang le go bopaganya tshaba. 

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi wa Orapa, Mme Christina Moloi o supile fa kagiso, lerato le tlotlano di agile fatshe la Botswana ntle le dintwa. 

Kgosi Moloi a re go ipusa ga lefatshe la Botswana go dirile go utlwala mo go tlhabololeng matshelo a bomme. 

O supile fa mo dingwageng tsa maloba pele ga Botswana a tsaya ipuso, go ne go le thata, segolo bogolo ka fa letlhakoreng la bomme ka gore ba ne ba sa letlelelwe go dira ditiro dingwe jaaka go nna barutabana, bakgweetsi, mapodisi kana masole. 

Kgosi Moloi a re le maemo a boeteledipele jaaka bogosi a ne a tshegediwa ke borre fela. 

A re go tsaya boipuso go tsile ka phetogo e kgolo mo matshelong a bomme le tshaba ya Botswana. 

Kgosi Moloi a re go tsaya puso go thusitse gore Botswana a tswelele ka ditlhabololo, a tlatsa ka go re bomme ba kgona go dira ditiro tsotlhe tse ba neng ba di idiwa mo metlheng ya maloba. 

Kgosi Moloi o akgoletse puso go lemoga botlhokwa jwa bomme mo go ageng tshaba le go ba rotloetsa go tsena mo maemong a boeteledipele ka go farologana. 

O supile gape gore baeteledipele ba lefatshe ba sepolotiki le bone ba amogana maemo ntle le dikgotlhang, selo se se dirang gore Batswana ba tswelele ba tshela ka kagiso le popagano. 

O ikuetse mo batsading gore ba nne le seabe mo go nonotsheng puso ya batho ka batho ka go ruta bana ngwao le mekgwa ya Setswana e agang. 

A re bana ba rutwe go tlotla gore ba tswelele ka go nosetsa motheo o o agileng Botswana wa kagiso. 

Kgosi Moloi a re bagolo ba lefatshe le, ba dirile motheo o o sa tshwanelang go fapogwa ke ope. 

O supile gape gore go ipusa go thusitse Batswana go akola maduo a temo-thuo. 

Kgosi Moloi a re barui ba dikgomo ba bona dipoelo ka go rekisa leruo kwa matlhabelong a BMC fa temo le yone e simolotse go ntsha maduo jaaka kgwebo tse dingwe. 

Moruti Tebogo Tshenyego wa kereke ya Assemblies of God kwa Orapa a re le fa motho a tswa ka dikakanyo tsa go leka go itlhabolola le go inonotsha mo botshelong, go botlhokwa gore a ikaege ka Modimo gore a seka a latlhegelwa ke tsela. 

Moruti Tshenyego a re go tshepha Modimo go botlhokwa gore batho ba kgone go dira tshiamo. 

O gakolotse batsadi gore ba nne le boikarabelo jwa go kaela bana tsela ya nnete gore ba tswelele ka go etelela lefatshe sentle. 

Moruti Tshenyego a re Modimo ke seikokotlelo sa botshelo le kaedi, ka jalo baeteledipele ba lefatshe ba ikanye mo go ene. 

O kopile baeteledipele go tswelela ba busa ka kagiso gore Batswana ba seka ba fapoga mo tseleng ka go dira jalo ba ka felela ba otlhailwe ke Modimo. 

Mokhanselara wa Orapa, Rre Koketso Seloi o supile gore le fa moletlo wa letstatsi la Boipuso o atlegile, sebe sa phiri ke gore banni ba toropo eo ba maoto a tshupa go thusa mo dipaakanyetsong ya letsatsi. 

Le fa go ntse jalo, Rre Seloi o lebogile ba ba lemogang botlhokwa jwa letsatsi la boipuso a ba rotloetsa go tsweledisa mowa wa kagiso. 

O supile fa bangwe ba ile go ipela kwa magaeng mme a kopa ba ba setseng go tlhokomela malwapa a ba ba seyong go lwantsha borukuthi le go rotloetsa popagano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : Orapa

Event : BOIPUSO

Date : 02 Oct 2017