Breaking News

Mothusa mokwaledi o akgola dikole

28 Sep 2017

Mothusa mokwaledi mo ofising ya mokwaledi wa ga Tautona, Mme Kesego Okie o akgotse dikole tse dipotlana tsa Mapulane, Seolwane, Manaledi le Matlhakola mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala go bo di dirile ka natla.

Mme Okie a re go supagala mo maduong a dikole tse gore ba-na-le seabe, bogolo jang batsadi, ga ba a ikgaphela kwa thoko e bile ba bona go tlhokafala gore ba tshwaraganele thuto le barutabana gore bana ba dire sentle mo dithutong.

Mme Okie o ne a bua jalo mo boemong jwa ga mokwaledi wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi  kwa moletlong wa go ipelela phenyo ga sekole sa Mapulane le go abela dikole tse di dirileng sentle mo maduong a lekwalo la bosupa a ngwaga o o fetileng didirisiwa tsa maranyane (tablets) di le 43 bosheng.

Maduo a sekole sa Mapulane e ne ya nna 86.4 per cent fa a sekole sa Seolwane e ne ya nna 84.1 per cent mme a sekole sa Manaledi e ne ya nna 83.3 per cent a sekole sa Matlhakola e ne ya nna 80.8 per cent.

A re fa thuto e ka seka ya kopanelwa ga go kitla go nna le maduo ape, ka jalo go tlhokafala gore ba-na-le seabe botlhe ba dire mmogo.

O ne a rotloetsa batsadi go tswelela ba nna le seabe mo thutong ya bana.

Mme Okie a re Rre Morupisi ke motho yo o kgatlhegelang gore a bone maduo a dikole a tsholetsega, ka jalo ke jaaka a setse a thusa dikole dingwe ka lenaneo la go thusa dikole la Adopt-A-School.

A re ke jaaka Rre Morupisi gape a kopa dikole go ipha seelo se se kwa godimo sa 100 per cent gore maduo a bonale.

Mme Okie a re ba tshwaragane le khamphani ya HUAWEI mo thulaganyong ya go abela dikole didirisiwa tsa maranyane mo ngwageng o o fetileng mme ba supa fa tiriso ya maranyane e le yone e ka fetolang maduo a dikole.

A re ka didirisiwa tseo barutabana ba tlaa tokafatsa ka fa ba rutang ka teng.

A re morutabana mongwe le mongwe o tlaa tlhokomela didirisiwa tseo mme e re a ya kwa sekoleng se sele a se tlogele gone kwa sekoleng se a neng a direla kwa go sone.

Mme Okie o ne a itlama fa a tla a rekela baithuti ba le lesome ba batsadi ba bone ba sa kgoneng paka ya sekole e feletse le ditlhako tsa sekole.

Moanamisa mafoko wa HUAWEI, Mme Natasha Monnawatlala a re khamphani  ya gagwe e na le maitlamo a go bona gore mafatshe a a santseng a tlhabologa le lefatshe leno le le mo teng ga a salele kwa morago mo go tsa maranyane.

A re go rurifatsa se ba na le tumelo ya gore, gore ba kgone tiro ya bone ya go fa setshaba lesedi la tsa maranyane ba tshwanetse ba simolola go ruta ba ba tswang kwa tlase, bogolo jang banana.

A re mo go direng se ba na le ditiro di le mokawana tse ba di dirang go nna le seabe sa bone mo go rutuntsheng ka tsa maranyane.

A re ba na le tsholofelo ya gore didirisiwa tseo tsa maranyane di tlaa thusa dikole tse di di abetsweng mme ba tlaa tswelela ba ntse ba thusa fa ba kgonang teng.

Mogokgo wa sekole sa Mapulane, Rre Botlogile Molatlhegi o ne a bolela fa mo ngwageng wa 2014 le 2015 maduo a gagwe a ne a wela kwa tlase mme ka tshwaragano le go dira ka natla ba ne ba kgona go tsholetsa maduo a bone go ya kwa go 86.4 per cent.

A re gore ba kgone go fitlhelela maduo a ba a boneng ba ne ba tla ka methale e e tlaa ba thusang e tshwana le go fa baithuti tiro ya sekole gore ba e dire kwa lwapeng, go biletsa batsadi kwa sekoleng gore ba tle go utlwa ka tiro ya bana le gone go abela baithuti ba ba gaisitseng dimpho.  

A re go bo sekole sa gagwe se dirile sentle ke ka go ititaya ka thupana ga barutabana gore ba ntshe maduo a mantle.

A re ntswa ba dira sentle, ba na le dikgwetlho di tshwana le letlhoko la didirisiwa di tshwana le motshine o o ntsifatsang dipampiri, o o romelang melaetsa le matlwana a borutelo a a seng mo seemong se se siameng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : GOO-MOREMI

Event : Moletlo wa Ngwao Go Ipelela Maduo

Date : 28 Sep 2017