Breaking News

Jubilee o itshetsa ka go suga matlalo

27 Sep 2017

Mme Ogopotse Jubilee yo o dingwaga tse di masome matlhano le bobedi ke mongwe wa ba ba sa iponeng tsapa go ka tsholetsa serodumo sa mowa wa boipelego se e leng nngwe tsela ya go itlhotlhora manokonoko a lehuma.

O itshetsa ka go suga matlalo a dipudi mme morago a roke diphate ka one.

E re ntswa tiro e ya tshugo ya matlalo e tlwaelesegile e dirwa ke borre gape e le bokete, ene o e dira go se letsapa le le mo fisang pelo.

Bontsi jwa batho ba ne ba etela motlaagana wa gagwe gangwe le gape kwa ditshupong tsa bomme tsa lephata la bong mo Francistown ka mafelo a beke, mme ba ne ba sa kgale go mo akgolela bontle jo a bo dirang.

Bangwe ba ne ba tshwarwa ke kgakge, bangwe ba le pelo di thata go ka dumela gore dithoto tsa boleng jo bo kgatlhisang ke matsogo a motho wa mme e bile a setse a le mo dingwageng tse di kwa godimo.

Mme Jubilee a re bokgabane le botswerere jo a bo dirang ka nako tsotlhe a le mo tirong ya gagwe ke tsone di mo thusang go gapa maikutlo a bareki, se gape se mo thuse go dira dipoelo tse di kgatlhisang.

O bile a re botsipa jwa go betla o bo tsaya mo go Rraagwe mogolo, mme gape dithuto tse a di amogetseng kwa Impala gaufi le Francistown tebang le tshugo ya matlalo ke tsone di mo thusang go beta pelo a tswelela a dira le dikgwetlho di tlhagoga.

A re e re ntswa a santse a letile dithuso tsa nyeletso lehuma, morago ga dithuto tsa gagwe ga aka a iphutlha matsogo fela, o tsweletse a dira maano a gore a simolole kgwebo e ka ditshenyegelo tsa gagwe.

O boletse gore mo nakong eno o suga matlalo ka go a baya lobaka mo metsing mme morago a a suge fela a dirisa diatla tsa gagwe. Mme Jubilee o tiile mooko e bile o tlhaloganya sentle gore dithuso tse a di letileng di tla fitlhela a tlhagotse, mme seo se mo fe sebaka sa go ka godisa kgwebo ya gagwe.

A re se sengwe gape se se mo nametsang ke gore o santse a remeletse fela mo matlalong a dipodi, mme tiro ga e nne kalo ka jaana bophara jwa letlalo la podi bo se kalo fa go tshwantshanngwa le la kgomo.

Mme Jubilee a re e re ntswa a direla mo lapeng, ga a galale sepe, tota se se mo thusa go menaganye go boloka ditshenyegelo tsa go duela phiriso le tse dingwe.

O bile a re se se kgatlhisang ke gore bontsi jwa bareki ba gagwe ba latela dithoto tsa bone kwa ga gagwe, se se mo thuse gape go fema ditshenyegelo tsa go rwala dithoto.

Mme Jubilee a re e re ntswa ditiro tsa diatla ka go farologana di na le bokgoni jwa go tlodisa melatswana, se se utlwisang botlhoko ke gore bangwe ba santse ba di tseela ko tlase. BOPA

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 27 Sep 2017