Breaking News

Mosadi wa Maun o batlile go bolawa ke morogo

27 Sep 2017

Mosadi mongwe wa dingwaga tse di fa gare wa kgotla ya Boseja mo Maun o ne a boduloga dimpa a sena go apaya a bo a aja setlhare sengwe se a neng a tsaya gore ke morogo.

E rile fa a tsibogela kgang e, moitsanape wa dijo, Dr Ketsetswe Dimbongo o netefaditse fa e le ruri mme mongwe a jele setlhare sengwe se a neng a tsaya gore ke morogo morago ga go se reka mo mosading mongwe wa mo-Zimbabwe.

Dr Dimbongo a re mme yo o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Letsholathebe Memorial mo Maun morago ga go itemogela go boduloga dimpa le ditlhabi mo mmeleng kwa a fitlhileng a robadiwa sebaka sa dibeke tse pedi ba bongaka ba dubana le thankga ya go mo alafela se a ka tswang a se jele.

Dr Dimbongo o boletse fa mme yoo a sidilega kwa lelwapeng mme fela a latlhegetswe ke nama ka gore go tsaya lebaka gore botlhole bo ntshiwe mo mmeleng fa motho a bo jele mme e bile kalafi ya teng e baka gore motho a latlhegelwe ke nama.

O tlhalositse fa kalafi e ka tsaya lebaka le leele fa go sa itsewe se molwetse a se jeleng ka se se pateletsa ba bongaka go batlisisa pele.

“Setlhare seo se batlile go tshwana le morogo wa thepe kgotsa wa tonki o godile thata mme sone e le setlhare se setona.

Fa o se kgaola kgotsa o bapala matlhare a sone se tswa mashi mme seo ke sone sesupo sa bodiphatsa jwa setlhare se ka gore mashi ao a na le botlhole,” ga bua Dr Dimbongo.

O boletse fa setlhare se bonala thata mo melelwaneng ya lefatshe leno le a Zimbabwe le Zambia wa Kazungula go tsenelela mo mafatsheng ao.

“Batswana ba tshwanetse go bapala dijo tse di tshwanang le morogo wa dinawa, morogo wa leketa le wa delele ba bo ba ipeela mo dibolokelong tsa bone.

Dijo tse fa di omisitswe sentle di beilwe sentle di kgona go somarela bontsi jwa dikotla tse motho a ka di dirisang mo nakong ya komelelo, mme di tshwanetse go babalelwa mo mabeelong go iletsa megare e e ka tsenngwang ke diji di tshwana le dipeba go na le go reka ditlhare tse di sa itseweng mono ka se se diphatsa” ga gakololola Dr Dimbongo.

Dr Dimbongo o bile a re le fa go twe sebodu se lekwa ka legano sa nko se latsa le tlala, ga go reye gore ke gore o tikele sengwe le sengwe fela mo ganong ka malatsi a segompieno a le thata madi a lekwa ka sengwe le sengwe, ka jalo setshaba se tswhwanelwa ke go ipabalela fgo iletsa dikgang tsa mofuta o go ba diragalela ka le matshelo a kgona go latlhega. BOPA

Source : BOPA

Author : Ketshegilwe Killer

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 27 Sep 2017