Breaking News

Therisanyo le ba-na-le seabe e botlhokwa

27 Sep 2017

Mogolwane kwa lephateng la tiragatso molao kwa khansele potlana ya Tutume, Rre Bernard Bolotsang a re ga go na melawana epe ya khansele e e dirilweng go sena therisanyo le batho ntle le gore batho bangwe ga ba tsene diphuthego le go bala dipampiri tsa dikgang.

Rre Bolotsang o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla kwa Tutume bosheng.

A re molao wa go laola metsamao ya leruo le le gobeang mo motseng le sena tlhokomelo (Livestock Control Act) o diragaditswe bogologolo ka 1970, mme ka nako eo o ne o lebagane le Serowe fela.

Rre Bolotsang a re ka 2006 o ne wa akaretsa dikgaolo-potlana tsotlhe tsa legare go balelwa le Tutume, mme ka nako eo ga laelwa gore go batlwe mafelo a go tlaa agwang masaka a go tlaa tlhatlhelwang leruo le le sasankegang mo motseng le sena tlhokomelo.

O supa fa tlhaelo ya madi e ne ya dia tiro ya go aga masaka ao, mme madi a go simolodisa tiro eo a setse a le teng e bile le tiro e simologile e go solofetsweng e tlaa wediwa ka Sedimonthole, fa tiro ya go phutha leruo e tlaa simolola ka Hirikgong ngwaga o o tlang.

A re maikaelelo a bokopano joo e ne e le go ba tsibosa gore banne podi matseba ba iphuthe metlhala nako e santse e le teng.

O boletse gore fa leruo le tshwerwe le duelelwa P500, go nne le P20 yo o lopiwang tlhogo ya podi ka letsatsi fa e tlhatlhetswe kwa lesakeng leo, P30 fa e le leruo le tshwana le kgomo kana tonki fa koko yone motho a tla duela P10 ka letsatsi.

Rre Bolotsang a re leruo leo le tlaa tshegediwa mo malatsing a supa fela, morago le tlaa isiwa kwa masakeng a matimela a a gaufi.

O ne gape a bolelela phuthego ka molao wa dintsa (Dog’s bye law Act), a re mo molaong oo dintsa di tlaa direlwa setlankana le go nna le lekgetho.

A re mongwe le mongwe yo o ruileng ntsa ka molawana oo o patelesega gore ntsa ya gagwe e nne mo lelwapeng la gagwe gape a beilwe mokwalo o o supang gore tshaba ntsa.

O tlhalositse gore ba ofisi ya bye law ba tlaa bolotsa letsholo la go tshwara dintsa tse di tlaa bong di sena letshwao la gore di na le setlankana le lekgetho.

Mogolwane kwa lephateng la matlhoko a leruo, Rre Jabulani Maposa a re dintsa di tshwanetse go nna di kentetswe molafo nako tsotlhe.

Rre Maposa o boletse fa molafo o le borai ka o sena kalafi, ka jalo a tlhagisa barui ba dintsa go kenta dintsa tsa bone nako le nako fa go na le letsholo la go kenta dintsa.

Fa a leboga, Kgosi Brown Tshosa wa Selolwane a re melawana eo e tla thusa ka ba ntse ba sa bone boroko ka dintwa le dikgang tsa leruo le le senyetsang batho.

Kgosi Tshosa a kopa khansele go gagamatsa setoropo le go diragatsa melawana eo gore barui ba tlhokomele leruo ke gone dikgotlhang di tlaa felang. BOPA

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Sep 2017